PUSO YA POROFENSE YA KAPA BOKONE
Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso:
Manyuale wa Lefapha la Ditšhelete
KETAPELE
Maitlamo a Aforika Borwa a gore go nne le phitlhelelo ya tshedimosetso a tlotla boitlamo jwa rona jwa molaotheo jwa go tsenya tirisong tshwanelo ya botlhokwa ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso gongwe tshedimosetso e e mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono ke kgato e kgolo ya tlhabololo fa go lebelelwa boswa jwa sephiri jo re bo fitlhetseng go tswa mo dingwageng tse dintsi tsa puso e e neng e sa re sepe ya bonnye. Ka Molao ono re tshuba lebone go fedisa bosephiri le tidimalo e e neng e le karolo ya puso le tsamaiso ya tlhaolele.
Maitlhomomagolo a Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa bo2 wa 2000, ke go tlamela ka tshwanelo ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso le ditheo tsa poraefete.
Tshwanelo eno e tla godisa gore go bewe dilo mo pepeneneng, go rwalwe maikaraelo gammogo le tsamaiso e e bokgoni ya ditheo tsa setšhaba le tsa poraefete. Go ya ka tshwanelo eno, e tla thusa gape batho ba rona go nna le seabe se se tletseng gammogo le go tsaya ditshwetso ka kitso jaaka re bopa sešwa setšhaba sa rona ka tshedimosetso.
O agelela gape mo motheong wa rona wa go godisa setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le phitlhelelo e e bokgoni ya tshedimosetso e e tla ba kgontshang go diragatsa ka botlalo gammogo le go sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona.
Batho ba naga eno ba romile puso ya rona gore e diragatse diphetogo tse di tla tokafatsang boleng jwa matshelo a MaAforika Borwa otlhe. Molao ono o tla tiisa motheo ono o o tiileng o re agelelang mo godimo ga ona, mo maitekong a rona a puso e e lolameng e e maikarabelo.
TONAKGOLO YA POROFENSE YA KAPA BOKONE
MATSENO
Tiro e kgolo ya Molao wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, o o goeleditsweng ka kgwedi ya Mopitlwe 2001, ke gore go nne le seemo se mo go sona batho baagi ba Aforika Borwa ba nang le bokgoni jwa go fitlhelela tshwanelo ya go bona tshedimosetso. Molao ono o montšhwa ga o kgontshe MaAforika Borwa go diragatsa ditshwanelo tsa bona ka botlalo fela, ntlha ya botlhokwa go gaisa ke ya gore o sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona jaaka di tlhagelela mo Molaotheong. Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso ke sediriswa sa botlhokwa mo go kopanyeng ditlamelo tse di mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo jaaka o fitlhelwa mo Molaotheong.
Temokerasi ya rona ya Aforika Borwa e ikaegile ka dipilara tsa kgololesego, tekatekano gammogo le go tlotla seriti sa botho. Molao ono o montshwa ke karolo ya botlhokwa mo thulaganyong ya go lere diphetogo ka ntlha ya fa o konotelela motheo o o adilweng ka Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Se se neng se tlwaelegile ka puso ya tlhaolele e ne e le gore ditiro tsa puso gammogo le tsamaiso ya yona di ne di aparetswe ke sephiri le tidimalo, go bipiwa ditiro tsa bobodu le tse di seng ka fa molaong. Ka ditlhopo tsa temokerasi tsa ngwaga wa 1994, re tlhagotse tsela e ntšhwa e e rotloetsang mokgwa wa go baya dilo mo pepeneneng gammogo le go rwala maikarabelo.
Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso o naya baagi ba Aforika Borwa tshono ya go nna le bokgoni jwa go fitlhelela tshedimosetso go tswa mo pusong le mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono o montšhwa o tlaleletsa botlhokwa jwa gore ditheo tsotlhe di dire gore ka gale di dire ditiro tse di mo molaong le go rwala maikarabelo a ditiro tsotlhe tsa tsona. Molao ono o montšhwa o goeleditswe e le kgato e nngwe ya go netefatsa botshelo jo bo botoka ka go tlamela baagi fela ka tshono ya go filthelela tshedimosetso e e leng gore kwa bofelong e ka dira gore ditheo tsa poraefete le tsa setšhaba di rwale maikarabelo a ditiro tsa tsona.
TLHOGO YA LEFAPHA
KANTORO YA TONAKGOLO
DITENG
A. POPEGOTHEO LE DITIRO
B. DINTLHA TSA KGOLAGANO
C. THULAGANYO YA GO KOPA PHITLHELELO YA TSHEDIMOSETSO
D. KAROGANYO YA DIREKOTO
E. DIREKOTO TSE DI KA FITLHELELWANG KA BOITIRISO
F. DIREKOTO TSE DI KA FITLHELWANG KWA KANTORONG YA TONAKGOLO
G. PATLOMAIKUTLO, GO NNA LE SEABE GAMMOGO LE GO NNA LE TSHUSUMETSO MO GO TLHANGWENG GA DIPHOLESI
H. DITSELA TSA TSHIAMISO, THULAGANYO YA BOIKUELO GAMMOGO LE DIKOPO TSA KGOTLATSHEKELO
A. POPEGOTHEO LE DITIRO
Lefapha la Ditšhelete le tshwanetse go tsenya tirisong le go tlhokomela pholesi ya tsamaiso ya ditšhelete tsa setšhaba e e lolameng, e se bofitlha e bile e le mo dinakong mo mafapheng otlhe a porofense.
Le tshwanetse go netefatsa gore go dirisiwa ditlamelo tsotlhe tsa porofense tsa ditšhelete le tse e seng tsa ditšhelete ka tsela e e maleba, e e somarelang mme gape e le bokgoni gape e nonofile. Seabe sa lona sa tshegetso ke sa go gokaganya Dipuso tsa Bosetšhaba, Porofense le Pusoselegae mo mererong ya pholesi ya tsamaiso ya ditšhelete.
Go kgontsha lefapha go diragatsa seabe sa lona sa go okamela, go tsenya tirisong le go tlhokomela dipholesi tsotlhe tsa ditšhelete mo porofenseng. Go amoetswe popegotheo e e maleba mme e tsentswe tirisong.
B. DINTLHA TSA KGOLAGANO
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla thapiwa go thusa Motlhankedi wa Tshedimosetso yo o thapilweng mo Porofenseng mme tiro ya gagwe e tla nna go tsamaisa thulaganyo ya phitlhelelo ya tshedimosetso/ direkoto.
LEFAPHA LA DITŠHELETE
Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso: Rre M.B. Makape
Maemo : Tlhogo ya Lephata la Ramatlotlo la Porofense
Aterese ya poso : Kgetse ya Poraefete X 5054
Aterese ya Mmila : Khona ya Mebila ya Chapel le Knight,
Nomoro ya Mogala : 053-830 8358
Nomoro ya Fekese : 053-831 5836
C. THULAGANYO YA GO KOPA PHITLHELELO YA TSHEDIMOSETSO
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, motho mongwe le mongwe o na le tetla ya go kopa phitlhelelo ya tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke mmuso gongwe setheo sengwe le sengwe sa setšhaba. Gore motho a kgone go fitlhelela tshedimosetso, motho o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya phitlhelelo ya tshedimosetso. Foromo e tlapisitswe fano jaaka Mametlelelo A. Foromo eno e tshwanetse go romelwa go Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso kwa dintlheng tse di fa godimo tsa kgolagano. Morago ga gore kopo e amogelwe go tla latela thulaganyo e e latelang:
Motlatsamontlhankedi wa Tshedimosetso o tla swetsa gore a motho yo o dirang kopo ya tshedimosetso ke mokopi wa sebele (a kopa tshedimosetso ya gagwe ka sebele). Fa e le mokopi wa sebele ga a kitla a tlhoka go duela tuelo ya kopo. Fela fa e le mokopi (tshedimosetso e nngwe) foo gona o tshwanetse go duela tuelo ya kopo ya bokana ka R35.00 pele ga go ka simololwa ka go batla rekoto. Ka jalo, ga go kitla go tswelelwa ka kopo fa go ise go duelwe tuelo eo ya ntlha.
Fa tuelo e setse e dirilwe, Mothusamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla laela badiri ba ba maleba go goga direkoto/ rekoto e e amegang.
Fa rekoto e setse e gogilwe, Mothusamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla e sekaseka mme a swetse gore a e na le pabalesego e e fitlhelwang ka fa tlase ga Molao.
Fa phitlhelelo e ka rebolwa, mokopi/ mokopi wa sebele otla itsesewe ka ditshenyegelo tse di tshwanetseng go duelelwa go tlhagisiwa gape ga rekoto.
Fa go sena go amogelwa tuelo tse di maleba, go tla dirwa dikhopi tsa rekoto gongwe karolo ya yona e go rebotsweng tetla ya gore e fitlhelelwe mme e romelwe go motho yo o kopileng tshedimosetso.
Fa e le gore phitlhelelo ga e a rebolwa, motho yo o kopileng phitlhelelo ya yona, o tla itsesewe ka seo gammogo le mabaka a kganelo eo, gammogo le dithulaganyo tse di maleba tsa boikuelo tse a ka di latelang.
D. KAROGANYO YA DIREKOTO
Direkoto tsa Lefapha la Ditšhelete di aroganngwa go ya ka direkoto tsa makwalo le direkoto tse dingwe tse e seng makwalo (direkoto tse dingwe).
Direkoto tsa makwalo di tlhagelela mo rejisetareng ya difaele tse di buletsweng dithulaganyo tsa go faela tse di tshwanang tsa tshetso le tsa badiri gammogo le thulaganyo ya go faela ya ditiro tsa ka gale e e leng ya Lefapha fela.
Direkoto tse dingwe tse e seng tsa makwalo di tlhagelela mo sejuleng ya taolo ya direkoto. Lefapha la Ditšhelete le ne le sa aroganya le go laola direkoto tsa lona go ya ka ditaelo tsa diakhaefe go fitlha ka kgwedi ya Tlhakole, 2001.
Ga jaana direkoto di faelwa go tswa kwa morago go ya ka dithulaganyo tse di rebotsweng tsa go faela le sejule ya taolo ya direkoto. Thulaganyo eno e ya go tsaya sebaka se seleele ka ntlha ya fa e akaretsa direkoto tsotlhe tsa go tloga ka 1994. Fa direkoto tse di sa aroganngwang di ntse di faelwa go tswa kwa morago, manyuale ono o tla nna o bewa mo dinakong mme dikhopi di fetisediwa go Komišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa gangwe le gape.
MAFAPHA OTLHE
THULAGANYO YA GO FAELA YA DITIRO TSA TSHEGETSO
TSAMAISO YA POROFENSE YA KAPA BOKONE
DITAELO KA KAKARETSO MALEBANA LE THULAGANYO YA GO FAELA
LEINA LA KANTORO
THULAGANYO ENO YA GO FAELA KE E TSHWANETSENG GO DIRISIWA KE MAFAPHA OTLHE A A WELANG MO TSAMAISONG YA POROFENSE YA KAPA BOKONE FELA MME GA E A TSHWANELA GO DIRISIWA KWA KANTORONG GONGWE DIKANTORONG DIPE FELA NTLE LE GORE SENO SE REBOLWE PELE KE MOAKHAEFE WA POROFENSE.
TSELA YA GO DIRA DIPEGELO
DIPOELETSO TSOTLHE LE DITLALELETSO (GO TLOGELWA GONGWE GO TSENNGWA GA SENGWE, GO THALELA SENGWE GO TSEWA E LE POELETSO LE GONA) DI TSHWANETSE GO ROMELWA GANGWE LE GAPE KWA MOAKHAEFENG WA POROFENSE GORE A DIRE KITSISO LE GO REBOLA TETLA YA SEMMUSO. MO MABAKENG A MO GO ONA DIPOELETSO/ DITLALELETSO DI ROMELWANG KA MOKGWA WA METSOTSO YA LEKWALOTIKO, GO TSHWANETSE GA ROMELWA KHOPI YA YONA KWA GO MOAKHAEFE WA POROFENSE PELE GORE A REBOLE TETLA. GORE GO NNE LE TSHUPETSO E E BONOLO GAMMOGO LE TAOLO E E BOKGONI, DIKITSISO DI TSHWANETSE GO FAROLOGANNGWA KA DINOMORO MME NGWAGA NNGWE LE NNGWE E SIMOLOLA KA NNGWE, SEKAI. 1/1998, 2/1998, JALO LE JALO. (TEBANG LE MAKWALO A A SA AROGANNGWANG GONA, O KA LEBELELA TEMA 15 YA DITAELO TSENO)
TSAMAISO YA THULAGANYO
TSAMAISO YA THULAGANYO E NEETSWE MOTSAMAISI WA DIREKOTO. GA GO A TSHWANELA GORE GO DIRWE DIPOELETSO/ DITLALELETSO MO THULAGANYONG NTLE LE GORE MOAKHAEFE WA POROFENSE LE MOTLHANKEDI ONO BA REBOLE TETLA YA SEO PELE. DITIRO TSE DINGWE TSA MOTLHANKEDI YONO DI AKARETSA, GA RENG GA TSE DINGWE, TSE DI LATELANG:
A. O TSHWANETSE GO SEKASEKA KA BOTLALO DIFAELE TSA LETSATSI LE LETSATSI GANGWE LE GAPE GO NETEFATSA GORE MAKWALO A NNA MO DIFAELENG TSE DI NEPAGETSENG.
B. O TSHWANETSE GO NETEFATSA GORE GO IKOBELWA DITEMA 5 LE 6 TSA DITAELO TSENO KA GALE KA GO SEKASEKA DIFAELE TSE DI MALEBA GANGWE LE GAPE GO NETEFATSA GORE DI DIRISIWA KA TOLAMO.
C. O TSHWANETSE KA GALE GO NETEFATSA GORE KHOPIKGOLO E MO DINAKONG (LEBELELA GAPE TEMA 8)
D. BOKGONI JWA THULAGANYO BO TSHWANETSE GO TLHATLHOBIWA GANGWE LE GAPE GO NETEFATSA GORE GO TLAMELWA KA DIPOELETSO TSE DI MALEBA. FA GO BONWA DITIRO TSE DINTSHWA, GO TSHWANETSE GA DIRWA DIFAELE TSE DINTSHWA MME FA GO TLHOKEGA, DIFAELE TSE DI GONA DI KAOGANNGWE GONGWE DI KOPANNGWE GO YA KA MOO GO LENG MALEBA KA TENG. DIFAELE TSA NTLHA (JAAKA DITLHOGO TSE DI NANG LE DIKAROLWANA MME DI DIRISIWA JAAKA DIFAELE) DI TSHWANETSE GO TLHATLHOBIWA GANGWE LE GAPE GO TILA GORE DI SEKE TSA FELELETSA E LE DIFAELE TSA KAKARETSO MME FA GO TLHOKEGA, GO DIRWE DIFAELEPOTLANA TSE DINGWE.
E. GO TSHWANETSE GO LEBELELWE THATA DIKGETSE TSE MO GO TSONA MAKWALO A SIMOLOLANG A LE MO FAELENG E NNGWE MME DINTLHA TSA BOTLHOKWA DI FETOGELE KWA MORERONG O MONGWE, GORE MORERO O NNE MO FAELENG E E MALEBA.
F. MALEBANA LE DITIRO TSE DI KA GA DITLHALOSO TSE DI FITLHELWANG MO DIPHUTHELONG TSA DIFAELE GAMMOGO LE MAKWALO A A SA AROGANNGWANG, LEBELELA DITEMA 11 LE 14 FA TLASE.
DITIRO TSE DI FA GODIMO TSENO DI TSHWANETSE GO TLHAGISIWA MO LENANETIRONG LA MOTSAMAISI WA DIREKOTO.
GO FAELWA GA MAKWALO KA TOLAMO
BATLHANKEDI BOTLHE BA BA DIRANG KA MAKWALO BA TSHWANETSE GO TLAMELWA KA KHOPI YA THULAGANYO YA GO FAELA. BATLHANKEDI BA TSHWANETSE GORE BA TLHALOGANYE MOFUTA O BA DIRANG KA ONA MME BA TSHWANETSE GO NETEFATSA GORE GO DIRWA KA MAKWALO OTLHE MO DIFAELENG TSE DI SIAMENG. FA GO SA FAELWA SENTLE, SENO SE TSHWANETSE SA SIAMISIWA KA GANGWE FELA GO NETEFATSA GORE DILO TSA BOTLHOKWA GA DI SENYEGE LE GO THIBELA GO TSHOLWA GA TSHEDIMOSETSO E E SENANG MOSOLA WA PAKATELELE.
DIFAELE TSA PHOLESI
GO DIRILWE TLAMELO YA DIFAELE TSA PHOLESI GO RALALA THULAGANYO ENO. DIFAELE TSENO DI SUPIWA KE LETSHWAO LA "P" LE E LENG TLHAKA YA BOFELO YA PALO YA TSHUPETSO YA FAELE, SEKAI, 1.P, 1.1.P, JALO LE JALO. MERERO YOTLHE E E MALEBANA LE PHOLESI, DITSHWETSO, DITAELO, DITHULAGANYO GAMMOGO LE DIKAELO, E TSHWANETSE GO NNA MO DIFAELENG TSENO GO NETEFATSA GORE GO NNA BONOLO GO DI FITLHELELA. GO TSHWANETSE GA LEMOGWA GORE LEREO LA DITAELO JAAKA LE DIRISITSWE FA GODIMO, LE KAYA DITAELO TSE DI MALEBANA LE TIRO YA KAROLO YOTLHE MME E SENG DITAELO GO MODIRI A LE NOSI, GO FITLHELELA KA NAKO E MOAKHAEFE WA POROFENSE A TLA BONG A REBOLA TSHWETSO YA TLOSO TEBANG LE THULAGANYO YA GO FAELA. MOO MERERO YA PHOLESI E TLA BONG E SWEDIWA GO YA KA FAELE YA POROJEKE, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TLA SWETSA GORE A KE GO TSENNGWA KHOPI YA LEKWALO LOTLHE GONGWE KHOPI YA TSHWETSO YOTLHE MO FAELENG YA PHOLESI FA GO SETSE GO NTSHITSWE TSHWETSO YA TLOSO TEBANG LE SENO, DIKHOPI TSA TSHWETSO E E TSERWENG MALEBANA LE FAELE YA A20, DI TSHWANETSE GO BEWA MO FAELENG YA PHOLESI E E TLA BONG E NA LE TSHUPETSO E E FETELANG KWA FAELENG E KGETSE ENO E WEDITSWENG E LE MO GO YONA. FA GO TSEWA TSHWETSO MALEBANA LE FAELE YA D, GO TSHWANETSE GA BEWA DIKHOPI TSOTLHE TSA MAKWALO A A MALEBA MO FAELENG E E MALEBA YA PHOLESI MOO GO NANG LE LEKWALO LE LE GOLO, SEKAI, FA PEGELO E NA LE TSHWETSO GONGWE THEBOLO YA PHOLESI, GO TSHWANETSE GA BEWA FELA KGOGO YA KAROLO E E MALEBA YA PEGELO MO FAELENG YA PHOLESI. MAKWALO A A BEWANG MO DIFAELENG TSA PHOLESI E TSHWANETSE GO NNA FELA A A LENG MALEBANA LE GO TLHAMIWA LE/ GONGWE GO SEKASEKIWA GA PHOLESI.
MAKWALO A A LATELANG GA A TSHWANELA GO BEWA MO DIFAELENG TSA PHOLESI:
a. DIPOTSISO TEBANG LE PHOLESI MME DI SA LEBISE KWA GORENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA KGOTSA THANOLO E E BAAKANTSWENG YA PHOLESI E E GONA.
b. GO SAMAGANA LE DIKGETSE TSA BATHO KA BONGWE KA BONGWE MME DI SA LEBISE KWA GO RENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA GONGWE GO BAAKANGWA GA PHOLESI YA GA JAANA.
c. DIKGETSE TSE DI MALEBANA LE NTLHAKGOLO GONGWE DINTLHANA KA KAKARETSO, FELA E SE MERERO YA PHOLESI, GAMMOGO LE DINTLHA TSE DI TLHAOTSWENG TSA MORERO O O RILENG O GO SENANG FAELE YA ONA. MO MABAKENG A A JALO, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO BUISANA LE MOAKHAEFE WA POROFENSE GORE GO TLE GO BULWE DIFAELE TSE DI MALEBA.
GO TLAMETSWE KA DIFAELE TSA DIPOTSISO TSA KA GALE KWA MAFELONG A A MALEBA MO THULAGANYONG YA GO FAELA. DIFAELE TSENO KE TSA DIPOTSISO TSE E LENG TSA PAKAKHUTSHWE TSE E LENG GORE GA DI TLHOKE GORE GO SALWE SEPE MORAGO FA GO SENA GO ROMELWA KARABO E E TLWAELEGILENG. DI SUPIWA MO THULAGANYONG YA GO FAELA KA TIRISO YA LETSHWALO LA "R" E E NNANG TLHAKA YA BOFELO YA PALO YA TSHUPETSO YA FAELE. GA GO A TSHWANELA KA GOPE GORE GO FAELWE MERERO YA BOTLHOKWA FANO.
DIPEGELO LE DIPOELO
MO SERISIKGOLONG YA DIPEGELO, DIPOELO LE TSHEDIMOSETSO, GO DIRILWE FELA TLAMELO YA DIPEGELO LE DIPOELO TSE GO KA SEKENG GA KGONEGA GORE GO DIRWE KA TSONA SENTLE KA FA TLASE GA SERISIKGOLO NNGWE. MOO GO TLAMETSWENG KA DIFAELE TSA DIPEGELO LE DIPOELO MO SERISIKGOLONG, SERISIKGOLO YA DIPEGELO LE DIPOELO E KA DIRISIWA FA FELA PEGELO GONGWE POELO E KA SEKE YA TSENNGWA MO FAELENG YA SETLHOGO MO SERISIKGOLONG E NNGWE.
KHOPIKGOLO
KHOPIKGOLO KE KHOPI YA THULAGANYO YA GO FAELA E E NANG LE DITLHOGO TSOTLHE TSE DI REBOTSWENG KE MOAKHAEFE WA POROFENSE LE E E SUPANG KA MOO DIFAELE DI TSHWANETSENG GO BULWA LE GO KWALWA DINOMORO KA TENG. GA GONA FAELE EPE E E TSHWANETSENG GO BULWA NTLE LE FA FELA TLHALOSO YA FAELE E SETSE E KWADILWE MO DIREKOTONG TSA KHOPIKGOLO MME GO SETSE GO AMOGETSWE TETLA YA MOAKHAEFE WA POROFENSE LE MOTSAMAISI WA DIREKOTO. DIFAELE TSA DIKGETSE TSA BATHO BA BA FAROLOGANENG TSE DI BULWANG GO YA KA DINTLHA TSE DI MO THULAGANYONG GA DI KWADIWE MO DIREKOTONG TSA KHOPIKGOLO. MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO NETEFATSA GORE DIPOELETSO TSOTLHE LE DITLALELETSO TSE DI REBOTSWENG DI TSENNGWA MO DIREKOTONG TSA KHOPIKGOLO KA GANGWE FELA. KHOPIKGOLO KE TLAMELO YA BOTLHOKWA YA TAOLO MME E TSHWANETSE GO TSHOLWA KA PABALESEGO MO TLHOKOMELONG YA MOTSAMAISI WA DIREKOTO. GO TSHWANETSE GA TLHOKOMELWA GORE GA E LATLHEGE.
REJISETARA YA DIFAELE TSE DI BUTSWENG
MAIKAELELO A REJISETARA KE GO TSHOLA REKOTO E E FELETSENG YA DIFAELE TSOTLHE TSE DI BUTSWENG. GO TSHWANETSE GA DIRISIWA SETLAMI SA MATLHARE A A SA KOPANENG KA NTLHA YA FA SE TLA KGONTSHA GORE GO TSENNGWE MATLHARE A TLALELETSO A GANTSI A TLHOKEGANG MO DIFAELENG TSA DIKGETSE TSE E LENG KAROLO YA KAROGANYO YA DIPALO. REJISETARA E TSHOLWA FELA KA MOKGWA O O TSHWANANG LE WA THULAGANYO YA FAELE MME DIFAELE DI TSENNGWA KA TATELANO E E TSHWANANG LE EO FELA. GO TSHWANETSE GA DIRWA KHOLOMO YA TLALELETSO GO LEBAGANA LE TLHALOSO YA FAELE MOO GO TLA KWALWANG LETLHA LA GO BULWA (LETLHA LA LEKWALO LA NTLHA) GO BAPA LE LEINA LA FAELE. TSEBE YA NTLHA YA REJISETARA E TSHWANETSE GO SUPA LEINA LA KANTORO E THULAGANYO E DIRANG MO GO YONA GAMMOGO LE LETLHA LA GO TSENNGWA TIRISONG GA THULAGANYO. FELA JAAKA KHOPIKGOLO, REJISETARA YA DIFAELE TSE DI BUTSWENG E BOTLHOKWA TOTA MO TSAMAISONG E E BOKGONI YA DIREKOTO. E TSHWANETSE GO NNA MO DINAKONG LE GO BEWA E BABALESEGILE.
REJISETARA YA DIFAELE TSE DI TSHWANETSENG GO SENNGWA
GO NA LE TLHOKEGO YA GORE REJISETARA YA DIFAELE TSE DI TSWETSWENG E GOGWE MORAGO FELA GA GORE MOAKHAEFE WA POROFENSE A REBOLE TAOLO YA GO TLOSIWA. REJISETARA ENO E AROGANTSWE KA DINGWAGA, SEKAI,1998, 1999, 2000 JALO LE JALO. FA FAELE YA D E TSWALWA KA NTLHA YA GORE E A BOITSHEGA, PALO YA YONA YA TSHUPETSO E TSHWANETSE GO TSENNGWA KA FA TLASE GA NGWAGA E E REBOLETSWENG GO SENNGWA KA YONA. BOLUMU E E TSWETSWENG KA 1999 MME TAELO YA GORE E SENNGWE E LE D3, E TLA TSENNGWA KA FA TLASE GA NGWAGA WA 2002, MME KA GO DIRA JALO GO NNA BONOLO GO LEMOGA DIFAELE TSE DI TSHWANETSENG GO SENNGWA MO NGWAGENG MONGWE LE MONGWE. GO ATLENEGISIWA TIRISO YA DITLAMI TSA MATLHARE A A SA KOPANENG KA NTLHA YA FA GO SA KGONEGE GO KA ITSE PALO YA DITSEBE TSE DI TLA BATLEGANG GO SA LE GALE. (MALEBANA LE GO SENNGWA, LEBELELA TEMA 17 KWA PELE).
GO TSENNGWA TIRISONG GA THULAGANYO E NTŠHWA
THULAGANYO ENO E TLILE GO TSENNGWA TIRISONG MME MORAGO GA MOO GA GO KITLA GO TLHOLA GO NNA LE PUISANO EPE TEBANG LE DIFAELE TSA THULAGANYO E KGOLOGOLO. LE GALE, DIFAELE TSA DIKGETSE TSA GA JAANA, DI KA NNA TSA AGELELWA MO THULAGANYONG E NTŠHWA, FA FELA GO AMOGETSWE TETLA E E KWADILWENG GO TSWA GO MOAKHAEFE WA POROFENSE PELE GA GO DIRWA SEO.
GO BULWA GA DIFAELE GAMMOGO LE TLHALOSO MO DIPHUTHELONG TSA DIFAELE
GO TSHWANETSE GA BULWA DIFAELE FA FELA DI TLHOKEGA. GO TSHWANETSE GA ELWA TLHOKO GORE GO OBAMELWA KA BOTLALO TIRISO YA DIPALO LE TLHALOSO YA DIFAELE JAAKA GO KAILWE MO THULAGANYONG. MO MABAKENG A DITLHALOSO TSA DIFAELE DI LENG DITELELE THATA, GO KA TLOGELWA DINTLHA DINGWE TSE E SENG KAROLO YA BOTLHOKWA YA SETLHOGO. GO NAYA SEKAI, MOO SETLHOGO SOTLHE SE BUISEGANG JAANA: DITIRELO TSA KHARIKULAMO LE TLHATLHOBO: DITHUTO TSA FIELD: THUTO YA TSHOMARELO YA TLHAGO; KGOKAGANYO LE MEKGATLHO YA TSHOMARELO: MOKGATLHO WA LENAGA WA AFORIKA BORWA, TSE DI LATELANG DI KA TLOGELWA: KGOKAGANO LE MEKGATLHO YA TSHOMARELO. LE FA GO KA TLOGELWA DIKAROLO TSE DI RILENG, LEINA LA SERISIKGOLO LE TSHWANETSE GO TLAMELWA KA GALE MME SETLHOGO SE TSHWANETSE GO BO SE LEKANE GO KA KGONA GO TLHALOSA DITENG TSA FAELE. GO THUSA BADIRI BA KANTORO YA BOKWADISETSO, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO SUPA GORE KE DIKAROLO DIFE TSE DI KA TLOGELWANG MO MABAKENG A A JALO. DITLHOGO DI TSHWANETSE GO KWALA KA ENKE E E SA PHIMOGENG. MATLHA A MAKWALO A NTLHA LE A BOFELO GAMMOGO LE DITAELO TSE DI MALEBA TSA GO TLOSIWA, FA DI LE GONA, DI TSHWANETSE GO TLHALOSIWA MO SEPHUTHELONG SA FAELE. DIPHUTHELO TSE DI ONETSENG DI TSHWANETSE GO REFOSIWA GANGWE LE GAPE.
DITLHALOSO TSE DI THALETSWENG
DITLHALOSO TSOTLHE TSE DI THALETSWENG DI KAYA DITLHOGO FELA. DIKAROGANYO DI TSHWANETSE GO DIRWA KA FA TLASE GA DITLHALOSO TSENO TSA DITLHOGO, FELA GA GO A TSHWANELWA GO BULWA DIFAELE DIPE TSA DITLHALOSO TSE DI THALETSWENG.
DITLHALOSO TSE DI MO MASAKANENG
DITLHALOSO TSE DI MO MASAKANENG KA FA TLASE GA DITLHOGO KGOTSA DITLHALOSO TSA FAELE DI DIRISIWA JAAKA KAEDI FELA MME GA DI A TSHWANELA GO TSENNGWA MO DIPHUTHELONG TSA DIFAELE.
MAKWALO A A SA AROGANNGWANG: THULAGANYO
FA GO AMOGELWA MAKWALO A A SA TLAMELWANG KA FAELE, MAKWALO AO A TSHWANETSE GO BEWA NAKWANA MO FAELENG YA 2.8.2.2 MO THULAGANYONG E E TSHWANANG YA GO FAELA YA DITIRO TSA TSHEGETSO. GO TSHWANETSE GA DIRWA KOPO GO MOTSAMAISI WA DIREKOTO MO FAELENG YA 2.8.2.1 MO THULAGANYONG E E TSHWANANG YA GO FAELA YA DITIRO TSA TSHEGETSO GORE A REBOLE TETLA YA GORE GO BULWE FAELE E E MALEBA. GO TSHWANETSE GA TLAMELWA KA TSHEDIMOSETSO KA BOTLALO TEBANG LE MOFUTA WA MAKWALO GAMMOGO LE DIKATLENEGISO TEBANG LE TLHALOSO LE GORE FAELE YA GO NNA JALO E BEWE KAE. MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TLA FETISETSA KOPO KWA MOAKHAEFENG WA POROFENSE MME E TLA RE FA FELA GO SENA GO REBOLWA TETLA, A ITSESE MAFAPHA A MANGWE OTLHE (A ONA A TLA ITSESENG DIKANTORO TSA KGAOLO), MME A TLA TSHWANELA GO BAAKANYA DITHULAGANYO TSA ONA TSA GO FAELA. JAANONG MAKWALO A A MO FAELENG YA 2.8.2.2 A TLA TSHWANELA GO FETISEDIWA KWA FAELENG E NTŠHWA.
DIPHUTHELO TSA DIFAELE TSA MAMETLELELO
SEPHUTHELO SA TLALELETSO SA FAELE SE TSHWANETSE GO BULWA FA GO TLHOKEGA GORE GO BOLOKWE DIBUKA TSE DIKGOLO, JALO LE JALO, TSE DI KA FELELETSANG DI DIRILE GORE FAELE E NNE KIMA THATA GO SA TLHOKEGE. LE GALE GA GO A TSHWANELA GORE GO FAELWE MAKWALO APE MO SEPHUTHELONG SEO. SEPHUTHELO SE TSHWANETSE GO TSHWAIWA SENTLE KA PALO YA TSHUPETSO YA FAELE YA MAKWALO MME SE KWALWE KA FA NTLE "FAELE YA MAMETLELELO". LEKWALO LENGWE LE LENGWE LE LE MO FAELENG YA MAMETLELELO LE TSHWANETSE GO NNA LE TSHUPETSO E E FETELANG KWA NTLHENG E E MALEBA YA MAKWALO E E AMOGETSWENG KA FA TLASE GA YONA.
GO TLOSIWA GA DIFAELE
FA MOAKHAEFE WA POROFENSE A SETSE A REBOTSE TETLA YA GO TLOSIWA, DITAELO TSA GO NNA JALO DI BONTSHIWA GO LEBAGANA LE FAELE NNGWE LE NNGWE MO KHOLOMONG YA TLOSO E E TLAMETSWENG MO THULAGANYONG. MATSHWAO A TLOSO A A DIRISIWANG GANTSI A SUPA TSE DI LATELANG:
A.20: E BEELE GO TLA FELELETSA E FETISEDITSWE GO MOAKHAEFE WA POROFENSE.
D: SENYA MORAGO GA GO SENA GO FETA DINGWAGA TSE DI KAILWENG KA PALO E E LATELANG TLHAKA YA D.
GO TSHWANETSE GA TLOSIWA DIFAELE GANGWE LE GAPE, BONNYE GANGWE KA NGWAGA, FA FELA GO AMOGETSWE TETLA YA GO TLOSA GO TSWA GO MOAKHAEFE WA POROFENSE. GO SENYA DIFAELE (GONGWE DIREKOTO DINGWE FELA TSA SETŠHABA) NTLE LE TETLA YA MOAKHAEFE WA SETSHABA KE MOLATO WA BOSENYI. GO TSHWANETSE GA ISIWA SETIFIKEITI TSA TLOSO SE SE REBOTSWENG GO MOAKHAEFE WA POROFENSE KA BONAKO JO BO KGONEGANG MORAGO GA TLOSO.
BOKIMA JWA DIFAELE
DIFAELE GA DI A TSHWANELA GO FETA BOKIMA JO BOKANA KA 3CM. FAELE E TSHWANETSE GO TSWALWA FA E FITLHELELA BOKIMA JONO MME GO TSHWANETSE GA BULWA SEPHUTHELO SE SENTŠHWA. NOMORO YA BOLUMU E NTŠHWA (GO FA SEKAI, BOLUMU 2) E TSHWANETSE GO BONTSHIWA KA FA NTLE GA SEPHUTHELO SE SENTŠHWA. GO TSHWANETSE GA FAELWA PAMPIRI E E NANG LE MAFOKO A: "E TSWETSWE, LEBELELA BOLUMU..." E LE SELO SA BOFELO MO BOLUMUNG E E TSWETSWENG. "BOLUMU 1" E TSHWANETSE GO SUPIWA FA FELA GO SETSE GO BUTSWE BOLUMU 2.
GO TSWALWA GA DIFAELE TSA BOTLHOKWA
GO TSHWANETSE GA LATELWA THULAGANYO E E LATELANG FA GO TSWALWA DIFAELE TSA A20:
A GO TSHWANETSE GA SEKWASEKWA TSEBE NNGWE LE NNGWE YA MAKWALO GO NETEFATSA GORE A GA GO A DIRWA PHOSO FA GO FAELWA. JAANONG GO FAELWA PAMPIRI E E NANG LE MAFOKO A "E TSWETSWE - E TSWELEDIWA MO BOLUMU..." E LE SELO SA BOFELO MO TENG GA SEPHUTHELO SA FAELE.
B GO TSHWANETSE GA REFOSIWA DIPHUTHELO TSA DIFAELE TSE DI ONETSENG.
C JAANONG DIFAELE DI BEWA LE GO BOLOKIWA MO DIBOKOSONG TSE DI DIRETSWENG FELA MABAKA ANO.
DIFAELE TSA DIKGETSE
DIFAELE TSA DIKGETSE TSE E LENG KAROLO YA THULAGANYO ENO DI TSHWANETSE GO BULWA GO YA KA DITAELO TSE DI FITLHELWANG MO MAFELONG A A MALEBA MO THULAGANYONG. LEBELELA GAPE TEMA 7 YA DITAELO.
TIRISO YA DITHULAGANYO TSA GO FAELA
GO NA LE MEFUTA E LE MERARO YA DITHULAGANYO TSA GO FAELA TSE DI DIRISIWANG KE MAFAPHA MO TSAMAISONG YA POROFENSE:
THULAGANYO YA GO FAELA YA BADIRI E E TSHWANANG MME E DIRISIWA KE MAFAPHA OTLHE A POROFENSE MO POROFENSENG ENO,E GAPE E DIRANG KA TSAMAISO YA BADIRI MO DIKANTORONG TSE DI AMEGANG;
THULAGANYO YA GO FAELA YA DITIRO TSA TSHEGETSO, E LE YONA E TSHWANANG MME LE YONA E DIRISIWA KE MAFAPHA OTLHE A POROFENSE MO POROFENSENG MME E DIRA KA DITIRO TSE DI KGONTSHANG KANTORO E E AMEGANG GO TSWELETSA DITIRO TSA YONA TSA KA GALE;
THULAGANYO YA GO FAELA E E LENG YA SERISI WA GO FAELA YA DITIRO TSA KA GALE. E FAROLOGANE GO YA KA MAFAPHA A A FAROLOGANENG MME E SUPA MAITLHOMO TOTA LE DITIRO TSA KANTORO E E AMEGANG TSE DI E FAROLOGANYANG LE KANTORO E NNGWE.
BAKHUDUTHAMAGA BA POROFENSE BOTLHE BA NA LE DITHULAGANYO TSA BONA TSA GO FAELA TSE DI DIRISIWANG KE BONA FELA. DIKOLO TSOTLHE DI TLA DIRISA YONA THULAGANYO E E TSHWANANG YA GO FAELA E E DIRETSWENG DIKOLO.
TSAMAISO YA POROFENSE YA KAPA BOKONE
LEFAPHA LA THUTO
THULAGANYO YA GO FAELA YA BADIRI
A DITAELO KA KAKARETSO
C KAROGANYO KA DINOMORO
D LENAANE LA SERISI YA DIFAELE TSE DI FAROLOGANENG TSA DIKGETSE
DITAELO KAKARETSO TSA THULAGANYO YA GO FAELA YA
LEINA LA KANTORO
THULAGANYO ENO YA GO FAELA KE E TSHWANETSENG GO DIRISIWA KE MAFAPHA OTLHE A A WELANG MO TSAMAISONG YA POROFENSE YA KAPA BOKONE. KE YA DITIRO TSA BADIRI BA BA KA FA GARE FELA. KAROLO YA TSA BADIRI E E KWA DIKGAOLONG E E DIRANG DITIRO TSA BADIRI E LE KAROLO YA DITIRO TSA YONA YA KA GALE E KA DIRISA THULAGANYO ENO YA GO FAELA MO MABAKENG A SELEGAE A BADIRI FELA. DITIRO TSA BONA TSA KA GALE DI TLA BONTSHIWA MO THULAGANYONG YA GO FAELA YA DITIRO TSA KA GALE. THULAGANYO ENO YA GO FAELA GA E A TSHWANELA GO DIRISIWA KWA KANTORONG GONGWE DIKANTORONG DIPE FELA NTLE LE GORE SENO SE REBOLWE PELE KE MOAKHAEFE WA POROFENSE.
TSELA YA GO DIRA DIPEGELO
DIPOELETSO TSOTLHE LE DITLALELETSO (GO TLOGELWA GONGWE GO TSENNGWA GA GO THALELA SENGWE GO TSEWA E LE POELETSO LE GONA) DI TSHWANETSE GO ROMELWA GANGWE LE GAPE KWA MOAKHAEFENG WA POROFENSE GORE A DIRE KITSISO LE GO REBOLA TETLA YA SEMMUSO. MO MABAKENG A MO GO ONA DIPOELETSO/ DITLALELETSO DI ROMELWANG KA MOKGWA WA METSOTSO YA LEKWALOTIKO, GO TSHWANETSE GA ROMELWA KHOPI YA YONA KWA GO MOAKHAEFE WA POROFENSE PELE GORE A REBOLE TETLA. GORE GO NNE LE TSHUPETSO E E BONOLO GAMMOGO LE TAOLO E E BOKGONI, DIKITSISO DI TSHWANETSE GO FAROLOGANNGWA KA DIPALO MME NGWAGA NNGWE LE NNGWE E SIMOLOLA KA NNGWE, SEKAI. 1/1998, 2/1998, JALO LE JALO. (TEBANG LE MAKWALO A A SA AROGANNGWANG GONA, O KA LEBELELA TEMA 15 YA DITAELO TSENO)
TSAMAISO YA THULAGANYO
TSAMAISO YA TAOLO E NEETSWE MOTSAMAISI WA NAKWANA WA DIREKOTO MO KANTORONG YA TLHOGO YA LEFAPHA. GA GO A TSHWANELA GORE GO DIRWE DIPOELETSO/ DITLALELETSO MO THULAGANYONG NTLE LE GORE MOAKHAEFE WA POROFENSE LE MOTLHANKEDI ONO BA REBOLE TETLA YA SEO PELE. DITIRO TSE DINGWE TSA MOTLHANKEDI DI AKARETSA, GARENG GA TSE DINGWE, TSE DI LATELANG:
A. O TSHWANETSE GO SEKASEKA DIFAELE TSA LETSATSI LE LETSATSI GANGWE LE GAPE GO NETEFATSA GORE MAKWALO A TSENNGWA MO DIFAELENG TSE DI SIAMENG.
B. O TSHWANETSE GO NETEFATSA GORE GO IKOBELWA DITEMA 5 LE 6 TSA DITAELO TSENO KA BOTLALO KA GO SEKASEKA DIFAELE TSE DI MALEBA GANGWE LE GAPE GO NETEFASA GORE DI DIRISIWA KA TOLAMO.
C. O TSHWANETSE GORE KA GALE A NETEFATSE GORE KHOPIKGOLO E NNA E LE MO DINAKONG (LEBELELA GAPE TEMA 8)
D. GO TSHWANETSE GA TLHATLHOBIWA BOKGONI JWA THULAGANYO GANGWE LE GAPE GO NETEFATSA GORE O DIRWA DITSHEKATSHEKO TSE DI TLHOKEGANG. FA GO NNA LE DITIRO TSE DINTŠHWA, GO TSHWANETSE GA BULWA DIFAELE TSE DINTŠHWA MME FA GO TLHOKEGA DIFAELE TSE DI NTSENG DI LE GONA DI KGAOGANNGWE GONWE DI KOPANNGWE GO YA KA MABAKA. DIFAELE TSA BOTSADI (GO TEWA, MO DITLHOGO TSE DI AROGANTSWENG MME GAPE DI DIRISIWA JAAKA DIFAELE) DI TSHWANETSE GO TLHATLHOBIWA GANGWE LE GAPE GO THIBELA GORE DI SEKE TSA NNA DIFAELE TSA KAKARETSO MME FA GO TLHOKEGA GO DIRWE DIFAELEPOTLANA TSE DINGWE.
E. GO TSHWANETSE GA ELWA TLHOKO THATA MABAKA A MO GO ONA MAKWALO A SIMOLOLANG A LE MO FAELENG E NNGWE MME DIKGANG DI FETELE KWA MORERONG O MONGWE, GORE GO DIRISIWE DIFAELE TSE DI MALEBA.
F. MABAPI LE DITIRO TSE DI MALEBANA LE DITLHALOSO TSE DI MO DIPHUTHELONG TSA DIFAELE LE MAKWALO A A SA AROGANNGWANG, LEBELELA TEMA 12 LE 15 KA FA TLASE.
DITIRO TSE DI FA GODIMO DI TSHWANETSE GO TLHAGELELA MO LENANETIRONG LA MOTSAMAISI WA DIREKOTO
GO FAELWA MAKWALO KA TOLAMO
BATLHANKEDI BOTLHE BA BA DIRANG KA MAKWALO BA TSHWANETSE GO TLAMELWA KA KHOPI YA THULAGANYO YA GO FAELA. BATLHANKEDI BA TSHWANETSE GORE BA TLHALOGANYE MOFUTA O BA DIRANG KA ONA MME BA TSHWANETSE GO NETEFATSA GORE GO DIRWA KA MAKWALO OTLHE MO DIFAELENG TSE DI SIAMENG. FA GO SA FAELWA SENTLE SENO SE TSHWANETSE SA SIAMISIWA KA GANGWE FELA GO NETEFATSA GORE DILO TSA BOTLHOKWA GA DI SENYEGE LE GO THIBELA GO TSHOLWA GA TSHEDIMOSETSO E E SENANG MOSOLA WA PAKATELELE.
DIFAELE TSA PHOLESI
GO DIRILWE TLAMELO YA DIFAELE TSA PHOLESI GO RALALA THULAGANYO ENO. DIFAELE TSENO DI SUPIWA KE LETSHWAO LA "P" LE E LENG TLHAKA YA BOFELO YA PALO YA TSHUPETSO YA FAELE, SEKAI, 1.P, 1.1.P, JALO LE JALO. MERERO YOTLHE E E MALEBANA LE PHOLESI, DITSHWETSO, DITAELO, DITHULAGANYO GAMMOGO LE DIKAELO E TSHWANETSE GO NNA MO DIFAELENG TSENO GO NETEFATSA GORE GO NNA BONOLO GO DI FITLHELELA. GO TSHWANETSE GA LEMOGWA GORE LEREO LA DITAELO JAAKA LE DIRISITSWE FA GODIMO, LE KAYA DITAELO TSE DI MALEBANA LE TIRO YA KAROLO YOTLHE MME E SENG DITAELO GO MODIRI A LE NOSI, GO FITLHELELA KA NAKO E MOAKHAEFE WA POROFENSE A TLA BONG A REBOLA TSHWETSO TEBANG LE THULAGANYO YA GO FAELA. MOO MERERO YA PHOLESI E TLA BONG E SWEDIWA GO YA KA FAELE YA POROJEKE, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TL A SWETSA GORE A KE GO TSENNGWA KHOPI YA LEKWALO LOTLHE GONGWE KHOPI YA TSHWETSO YOTLHE MO FAELENG YA PHOLESI FA GO SETSE GO NTSHITSWE TSHWETSO TEBANG LE SENO. DIKHOPI TSA TSHWETSO E E TSERWENG MALEBANA LE FAELE YA A20, DI TSHWANETSE GO BEWA MO FAELENG YA PHOLESI E E TLA BONG E NA LE TSHUPETSO E E FETELANG KWA FAELENG E KGETSE ENO E WEDITSWENG E LE MO GO YONA. FA GO TSEWA TSHWETSO MALEBANA LE FAELE YA D, GO TSHWANETSE GA BEWA DIKHOPI TSOTLHE TSA MAKWALO A A MALEBA MO FAELENG E E MALEBA YA PHOLESI MOO GO NANG LE LEKWALO LE LE GOLO, SEKAI, FA PEGELO E NA LE TSHWETSO GONGWE THEBOLO YA PHOLESI, GO TSHWANETSE GA BEWA FELA KGOGO YA KAROLO E E MALEBA YA PEGELO MO FAELENG YA PHOLESI. MAKWALO A A BEWANG MO DIFAELENG TSA PHOLESI E TSHWANETSE GO NNA FELA A A LENG MALEBANA LE GO TLHAMIWA LE/ GONGWE GO SEKASEKIWA GA PHOLESI.
MAKWALO A A LATELANG GA A TSHWANELA GO BEWA MO DIFAELENG TSA PHOLESI:
A. DIPOTSISO TEBANG LE PHOLESI MME DI SA LEBISE KWA GORENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA KGOTSA THANOLO E E BAAKANTSWENG YA PHOLESI E E GONA.
B. GO SAMAGANA LE DIKGETSE TSA BATHO KA BONGWE KA BONGWE MME DI SA LEBISE KWA GO RENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA GONGWE GO BAAKANGWA GA PHOLESI YA GA JAANA.
C. DIKGETSE TSE DI MALEBANA LE NTLHAKGOLO GONGWE DINTLHANA KA KAKARETSO, FELA E SE MERERO YA PHOLESI, GAMMOGO LE DINTLHA TSE DI TLHAOTSWENG TSA MORERO O O RILENG O GO SENANG FAELE YA ONA. MO MABAKENG A A JALO, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO BUISANA LE MOAKHAEFE WA POROFENSE GORE GO TLE GO BULWE DIFAELE TSE DI MALEBA.
GO TLAMETSWE KA DIFAELE TSA DIPOTSISO TSA TLWAELO KWA MAFELONG A A MALEBA MO THULAGANYONG YA GO FAELA. DIFAELE TSENO KE TSA DIPOTSISO TSE E LENG TSA PAKAKHUTSHWE TSE E LENG GORE GA DI TLHOKE GORE GO SALWE SEPE MORAGO FA GO SENA GO ROMELWA KARABO E E TLWAELEGILENG. DI SUPIWA MO THULAGANYONG YA GO FAELA KA TIRIO YA LETSHWALO LA "R" E E NNANG TLHAKA YA BOFELO YA PALO YA TSHUPETSO YA FAELE. GA GO A TSHWANELA KA GOPE GORE GO FAELWE MERERO YA BOTLHOKWA FANO.
DIPEGELO LE DIPOELO
MO SERISIKGOLONG YA DIPEGELO, DIPOELO LE TSHEDIMOSETSO, GO DIRILWE FELA TLAMELO YA DIPEGELO LE DIPOELO TSE GO KA SEKENG GA SAMAGANWA LE TSONA SENTLE KA FA TLASE GA SERISI EPE FELA E KGOLO. MOO GO FITLHELWANG GORE DIFAELE TSA DIPEGELO LE DIPOELO DI DIRETSWE TLAMELO MO DISERISING TSE DINGWE, SERISI E KGOLO YA DIPEGELO LE DIPOELO E TLA DIRISIWA FA FELA PEGELO YA POELO E KA SEKE YA TSENNGWA MO FAELENG YA SETLHOGO SEO MO SERISING E NNGWE.
KHOPIKGOLO
KHOPIKGOLO KE KHOPI YA THULAGANYO YA GO FAELA E E NANG LE DITLHOGO TSOTLHE TSE DI REBOTSWENG KE MOAKHAEFE WA POROFENSE LE E E SUPANG KA MOO DIFAELE DI TSHWANETSENG GO BULWA LE GO KWALWA DINOMORO KA TENG. GA GONA FAELE EPE E E TSHWANETSENG GO BULWA NTLE LE FA FELA TLHALOSO YA FAELE E SE TSE E KWADILWE MO DIREKOTONG TSA KHOPIKGOLO MME GO SETSE GO AMOGETSWE TETLA YA MOAKHAEFE WA POROFENSE LE MOTSAMAISI WA DIREKOTO. DIFAELE TSA DIKGETSE TSA BATHO BA BA FAROLOGANENG TSE DI BULWANG GO YA KA DINTLHA TSE DI MO THULAGANYONG GA DI KWADIWE MO DIREKOTONG TSA KHOPIKGOLO. MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO NETEFATSA GORE DIPOELETSO TSOTLHE LE DITLALELETSO TSE DI REBOTSWENG DI TSENNGWA MO DIREKOTONG TSA KHOPIKGOLO KA GANGWE FELA. KHOPIKGOLO KE TLAMELO YA BOTLHOKWA YA TAOLO MME E TSHWANETSE GO TSHOLWA KA PABALESEGO MO TLHOKOMELONG YA MOTSAMAISI WA DIREKOTO. GO TSHWANETSE GA TLHOKOMELWA GORE GA E LATLHEGE.
REJISETARA YA DIFAELE TSE DI BUTSWENG
MAIKAELELO A REJISETARA KE GO TSHOLA REKOTO E E FELETSENG YA DIFAELE TSE DI BUTSWENG. GO TSHWANETSE GA DIRISIWA SETLAMI SA MATLHARE A A SA KOPANENG KA NTLHA YA FA SE TLA KGONTSHA GORE GO TSENNGWE MATLHARE A TLALELETSO A GANTSI A TLHOKEGANG MO DIFAELENG TSA DIKGETSE TSE E LENG KAROLO YA KAROGANYO YA DIPALO. REJISETARA E TSHOLWA FELA KA MOKGWA O O TSHWANANG LE WA THULAGANYO YA FAELE MME DIFAELE DI TSENNGWA KA TATELANO E E TSHWANANG LE EO FELA. GO TSHWANETSE GA DIRWA KHOLOMO YA TLALELETSO GO LEBAGANA LE TLHALOSO YA FAELE MOO GO TLA KWALWANG LETLHA LA GO BULWA (LETLHA LA LEKWALO LA NTLHA) GO BAPA LE LEINA LA FAELE. TSEBE YA NTLHA YA REJISETARA E TSHWANETSE GO SUPA LEINA LA KANTORO E THULAGANYO E DIRANG MO GO YONA GAMMOGO LE LETLA LA GO TSENNGWA TIRISONG GA THULAGANYO. FELA JAAKA KHOPIKGOLO, REJISETARA YA DIFAELE TSE DI BUTSWENG E BOTLHOKWA TOTA MO TSAMAISONG E E BOKGONI YA DIREKOTO. E TSHWANETSE GO NNA E LE MO DINAKONG LE GO BEWA E BABALESEGILE.
REJISETARA YA DIFAELE TSE DI TSHWANETSENG GO SENNGWA
GO NA LE TLHOKEGO YA GORE REJISETARA YA DIFAELE TSE DI TSWETSWENG E GOGWE MORAGO FELA GA GORE MOAKHAEFE WA POROFENSE A REBOLE TAOLO YA GO TLOSIWA. REJISETARA ENO E AROGANTSWE KA DINGWAGA, SEKAI, 1998, 1999, 2000 JALO LE JALO. FA FAELE YA D E TSWALWA KA NTLHA YA GORE E A BOITSHEGA, PALO YA YONA YA TSHUPETSO E TSHWANETSE GO TSENNGWA KA FA TLASE GA NGWAGA E E REBOLETSWENG GO SENNGWA KA YONA. BOLUMU E E TSWETSWENG KA 1999 MME TAELO YA GORE E SENNGWE E LE D3, E TLA TSENNGWA KA FA TLASE GA NGWAGA WA 2002, MME KA GO DIRA JALO GO NNA BONOLO GO LEMOGA DIFAELE TSE DI TSHWANETSENG GO SENNGWA MO NGWAGENG MONGWE LE MONGWE. GO ATLENEGISIWA TIRISO YA DITLAMI TSA MATLHARE A A SA KOPANENG KA NTLHA YA FA GO SA KGONEGE GO KA ITSE PALO YA DITSEBE TSE DI TLA BATLEGANG GO SA LE GALE. (MALEBANA LE GO SENNGWA, LEBELELA TEMA 17 KWA PELE).
GO TSENNGWA TIRISONG GA THULAGANYO E NTŠHWA
THULAGANYO ENO E TLILE GO TSENNGWA TIRISONG MME MORAGO GA MOO GA GO KITLA GO TLHOLA GO NNA LE PUISANO EPE TEBANG LE DIFAELE TSA THULAGANYO E KGOLOGOLO. LE GALE, DIFAELE TSA DIKGETSE TSA GA JAANA, DI KA NNA TSA AGELELWA MO THULAGANYONG E NTŠHWA, FA FELA GO AMOGETSWE TETLA E E KWADILWENG GO TSWA GO MOAKHAEFE WA POROFENSE PELE GA GO DIRWA SEO.
GO BULWA GA DIFAELE GAMMOGO LE TLHALOSO MO DIPHUTHELONG TSA DIFAELE
GO TSHWANETSE GA BULWA DIFAELE FA FELA DI TLHOKEGA. GO TSHWANETSE GA ELWA TLHOKO GORE GO OBAMELWA KA BOTLALO TIRISO YA DIPALO LE TLHALOSO YA DIFAELE JAAKA GO KAILWE MO THULAGANYONG. MO MABAKENG A DITLHALOSO TSA DIFAELE DI LENG DITELELE THATA, GO KA TLOGELWA DINTLHA DINGWE TSE E SENG KAROLO YA BOTLHOKWA YA SETLHOGO. GO NAYA SEKAI, MOO SETLHOGO SOTLHE SE BUISEGANG JAANA: PEOMOLAO LE DITHULAGANYO: MELAO LE MELAWANA: TIRELO SETŠHABA; MELAWANA: DITHANOLO LE DIKGAKOLOLO TSA SEMOLAO, GO KA TLOGELWA TSE DI LATELANG: MELAO LE MELAWANA. LE FA GO KA TLOGELWA DIKAROLO TSE DI RILENG, LEINA LA SERISIKGOLO LE TSHWANETSE GO TLAMELWA KA GALE MME SETLHOGO SE TSHWANETSE GO BO SE LEKANE GO KA KGONA GO TLHALOSA DITENG TSA FAELE. GO THUSA BADIRI BA KANTORO YA BOKWADISETSO, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO SUPA GORE KE DIKAROLO DIFE TSE DI KA TLOGELWANG MO MABAKENG A A JALO. MAINA A TSHWANETSE GO KWALA KA ENKE E E SA PHIMOGENG. MATLHA A MAKWALO A NTLHA LE A BOFELO GAMMOGO LE DITAELO TSE DI MALEBA TSA GO TLOSIWA, FA DI LE GONA, DI TSHWANETSE GO TLHALOSIWA MO SEPHUTHELONG SA FAELE. DIPHUTHELO TSE DI ONETSENG DI TSHWANETSE GO REFOSIWA GANGWE LE GAPE.
DITLHALOSO TSE DI THALETSWENG
DITLHALOSO TSOTLHE TSE DI THALETSWENG DI KAYA DITLHOGO FELA. DIKAROGANYO DI TSHWANETSE GO DIRWA KA FA TLASE GA DITLHALOSO TSENO TSA DITLHOGO, FELA GA GO A TSHWANELWA GO BULWA DIFAELE DIPE TSA DITLHALOSO TSE DI THALETSWENG.
DITLHALOSO TSE DI MO MASAKANENG
DITLHALOSO TSE DI MO MASAKANENG KA FA TLASE GA DITLHOGO KGOTSA DITLHALOSO TSA FAELE DI DIRISIWA JAAKA KAEDI FELA MME GA DI A TSHWANELA GO TSENNGWA MO DIPHUTHELONG TSA DIFAELE.
MAKWALO A A SA AROGANNGWANG: THULAGANYO
FA GO AMOGELWA MAKWALO A A SA TLAMELWANG KA FAELE, MAKWALO AO A TSHWANETSE GO BEWA NAKWANA MO FAELENG YA 2.8.2.2. YA THULAGANYO E E TSHWANANG YA GO FAELA YA DITIRO TSA THUSO. GO TSHWANETSE GA DIRWA KOPO GO MOTSAMAISI WA DIREKOTO MO FAELENG YA 2.8.2.1 YA THULAGANYO E E TSHWANANG YA GO FAELA YA DITIRO TSA THUSO GORE A REBOLE TETLA YA GORE GO BULWE FAELE E E MALEBA. GO TSHWANETSE GA TLAMELWA KA TSHEDIMOSETSO KA BOTLALO TEBANG LE MOFUTA WA MAKWALO GAMMOGO LE DIKATLENEGISO TEBANG LE TLHALOSO LE GORE FAELE YA GO NNA JALO E BEWE KAE. MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TLA FETISETSA KOPO KWA MOAKHAEFENG WA POROFENSE MME E TLA RE FA FELA GO SENA GO REBOLWA TETLA, A ITSESE MAFAPHA A MANGWE OTLHE (A ONA A TLA ITSESENG DIKANTORO TSA KGAOLO), A A TLA TSHWANELANG GO BAAKANYA DITHULAGANYO TSA ONA TSA GO FAELA. JAANONG MAKWALO A A MO FAELENG YA 2.8.2.2 YA THULAGANYO E E TSHWANANG YA GO FAELA YA DITIRO TSA THUSO A TLA TSHWANELA GO FETISEDIWA KWA FAELENG E NTŠHWA.
DIPHUTHELO TSA DIFAELE TSA MAMETLELELO
SEPHUTHELO SA TLALELETSO SA FAELE SE TSHWANETSE GO BULWA FA GO TLHOKEGA GORE GO BOLOKWE DIBUKA TSE DIKGOLO, JALO LE JALO, TSE DI KA FELELTSANG DI DIRILE GORE FAELE E NNE KIMA THATA. LE GALE GA GO A TSHWANELA GORE GO FAELWE MAKWALO APE MO SEPHUTHELONG SEO. SEPHUTHELO SE TSHWANETSE GO TSHWAIWA SENTLE KA PALO YA TSHUPETSO YA FAELE YA MAKWALO MME SE KWALWE KA FA NTLE "FAELE YA MAMETLELELO". LEKWALO LENGWE LE LENGWE LE LE MO FAELENG YA MAMETLELELO LE TSHWANETSE GO NNA LE TSHUPETSO E E FETELANG KWA NTLHENG E E MALEBA YA MAKWALO E E AMOGETSWENG KA FA TLASE GA YONA.
GO TLOSIWA GA DIFAELE
FA MOAKHAEFE WA POROFENSE A SETSE A REBOTSE TETLA YA GO TLOSIWA, DITAELO TSA GO NNA JALO DI BONTSHIWA GO LEBAGANA LE FAELE NNGWE LE NNGWE MO KHOLOMONG YA TLOSO E E TLAMETSWENG MO THULAGANYONG. MATSHWAO A TLOSO A A DIRISIWANG GANTSI A SUPA TSE DI LATELANG:
A.20: E BEELE GO TLA FELELETSA E FETISEDITSWE GO MOAKHAEFE WA POROFENSE.
D: SENYA MORAGO GA GO FETA GA DINGWAGA TSE DI KAILWENG KA PALO E E LATELANG TLHAKA YA D.
GO TSHWANETSE GA TLOSIWA DIFAELE GANGWE LE GAPE, BONNYE GANGWE KA NGWAGA, FA FELA GO AMOGETSWE TETLA YA GO TLOSA GO TSWA GO MOAKHAEFE WA POROFENSE. GO SENYA DIFAELE (GONGWE DIREKOTO DINGWE FELA TSA SETSHABA) NTLE LE TETLA YA MOAKHAEFE WA SETSHABA KE MOLATO WA BOSENYI. GO TSHWANETSE GA ISIWA SETIFIKEITI TSA TLOSO SE SE REBOTSWENG GO MOAKHAEFE WA POROFENSE KA BONAKO JO BOKGONEGANG MORAGO GA TLOSO.
BOKIMA JWA DIFAELE
DIFAELE GA DI A TSHWANELA GO FETA BOKIMA JO BOKANA KA 3CM. FAELE E TSHWANETSE GO TSWALWA FA E FITLHELELA BOKIMA JONO MME GO TSHWANETSE GA BULWA SEPHUTHELO SE SENTŠHWA. PALO YA BOLUMU E NTŠHWA (GO FA SEKAI, BOLUMU 2) E TSHWANETSE GO BONTSHIWA KA FA NTLHE GA SEPHUTHELO SE SENTSHWA. GO TSHWANETSE GA FAELWA PAMPIRI E E NANG LE MAFOKO A: "E TSWETSWE, LEBELELA BOLUMU..." E LE SELO SA BOFELO MO BOLUMUNG E E TSWETSWENG. "BOLUMU 1" E TSHWANETSE GO SUPIWA FA FELA GO SETSE GO BUTSWE BOLUMU 2.
GO TSWALWA GA DIFAELE TSA BOTLHOKWA
GO TSHWANETSE GA LATELWA THULAGANYO E E LATELANG FA GO TSWALAWA DIFAELE TSA A20:
GO TSHWANETSE GA SEKWASEKWA TSEBE NNGWE LE NNGWE YA MAKWALO GO NETEFATSA GORE A GA GO A DIRWA PHOSO FA GO FAELWA. JAANONG GO FAELWA PAMPIRI E E NANG LE MAFOKO A "E TSWETSWE - E TSWELEDIWA MO BOLUMU..." E LE NTLHA YA BOFELO MO TENG GA SEPHUTHELO SA FAELE.
GO TSHWANETSE GA REFOSIWA DIPHUTHELO TSA DIFAELE TSE DI ONETSENG.
JAANONG DIFAELE DI BEWA LE GO BOLOKIWA MO DIBOKOSONG TSE DI DIRETSWENG MABAKA ANO.
DIFAELE TSA DIKGETSE
DIFAELE TSA DIKGETSE TSE E LENG KAROLO YA THULAGANYO ENO DI TSHWANETSE GO BULWA GO YA KA DITAELO TSE DI FITLHELWANG MO MAFELONG A A MALEBA MO THULAGANYONG. LEBELELA GAPE TEMA 8 YA DITAELO.
TIRISO YA DITHULAGANYO TSA GO FAELA
GO NA LE MEFUTA E LE MERARO YA DITHULAGANYO TSA GO FAELA TSE DI DIRISIWANG KE MAFAPHA MO TSAMAISONG YA POROFENSE:
THULAGANYO ENO (THULAGANYO YA O FAELA YA BADIRI) E E TSHWANANG MME E DIRISIWA KE MAFAPHA OTLHE A POROFENSE MO POROFENSENG ENO,E GAPE E DIRANG KA TSAMAISO YA BADIRI MO DIKANTORONG TSE DI AMEGANG.
THULAGANYO YA GO FAELA YA DITIRO TSA TSHEGETSO E LE YONA FELA JAAKA THULAGANYO ENO, E TSHWANANG MME E DIRISIWA KE MAFAPHA OTLHE A POROFENSE MO POROFENSENG MME E DIRA KA DITIRO TSE DI KGONTSHANG KANTORO E E AMEGANG GO TSWELETSE DITIRO TSA YONA TSA KA GALE;
THULAGANYO YA GO FAELA E E LENG YA SERISI YA YA DITIRO TSA KA GALE. E FAROLOGANE GO YA KA MAFAPHA A A FAROLOGANENG MME E SUPA MAITLHOMO TOTA LE DITIRO TSA KANTORO E E AMEGANG TSE DI E FAROLOGANYANG LE KANTORO E NNGWE.
BAKHUDUTHAMAGA BA POROFENSE BOTLHE BA NA LE DITHULAGANYO TSA BONA TSA GO FAELA TSE DI DIRISIWANG KE BONA FELA.
POPEGO LE DIKOPANO TSA DITHEO LE DIKOKOANO TSE DINGWE
DITHULAGANYO TSOTLHE, METSOTSO, DIPEGELO JALO LE JALO, TSA DIKOPANO TSE DI MALEBANA LE DITIRO TSA BADIRI DI TLHAGELELA MO SERISIKGOLONG 8 YA THULAGANYO E E TSHWANANG YA GO FAELA YA DITIRO TSA TSHEGETSO.
TSAMAISO YA DIREKOTO
MAKWALO OTLHE A A MALEBANA LE TSAMAISO LE TAOLO YA THULAGANYO ENO YA GO FAELA GONGWE DIREKOTO DINGWE FELA TSE DI DIRISIWANG MO DIKAROLONG TSA BADIRI, DI TLHAGELELA MO SERISIKGOLONG 2 YA THULAGANYO E E TSHWANANG YA GO FAELA YA DITIRO TSA TSHEGETSO.
BOBOLOKELO, DITIRELO LE BONNO
MAKWALO OTLHE A A MALEBANA LE GO REKWA LE TLHOKOMELO JALO LE JALO YA BOBOLOKELO LE DITIRELO, GAMMOGO LE BONNO A TLHAGELELA MO THULAGANYONG E E TSHWANANG YA GO FAELA YA DITIRO TSA TSHEGETSO.
MAFAPHA OTLHE
THULAGANYO YA GO FAELA YA DITIRO TSA TSHEGETSO
TSAMAISO YA POROFENSE YA KAPA BOKONE
A. DITAELO KA KAKARETSO
C. KAROGANYO KA DINOMORO
D. MAMETLELELO A: MAFAPHA A BOSETSHABA LE MAFAPHA A DIPOROFENSE TSE DINGWE
E. MAMETLELELO B: DIKANTORO TSA KGAOLO MO TSAMAISONG YA POROFENSE YA KAPA BOKONE
F. MAMETLELELO C: MAFAPHA A POROFENSE
G. MAMETLELELO D: DITOKOLOLO TSA KHANSELEKHUDUTHAMAGA YA POROFENSE (BAKHUDUTHAMAGA)
H. MAMETLELELO E: DITHEO TSA RONA
DITAELO KAKARETSO TSA THULAGANYO YA GO FAELA
LEINA LA KANTORO
THULAGANYO ENO YA GO FAELA KE E E TSHWANETSENG GO DIRISIWA KE MAFAPHA OTLHE A A WELANG MO TSAMAISONG YA POROFENSE YA KAPA BOKONE MME GA E A TSHWANELA GO DIRISIWA KWA KANTORONG GONGWE DIKANTORONG DIPE FELA NTLE LE GORE SENO SE REBOLWE PELE KE MOAKHAEFE WA POROFENSE.
TSELA YA GO DIRA DIPEGELO
DIPOELETSO TSOTLHE LE DITLALELETSO (GO TLOGELWA GONGWE GO TSENNGWA GA GO THALELA SENGWE GO TSEWA E LE POELETSO LE GONA) DI TSHWANETSE GO ROMELWA GANGWE LE GAPE KWA MOAKHAEFENG WA POROFENSE GORE A DIRE KITSISO LE GO REBOLA TETLA YA SEMMUSO. MO MABAKENG A MO GO ONA DIPOELETSO/ DITLALELETSO DI ROMELWANG KA MOKGWA WA METSOTSO YA LEKWALOTIKO, GO TSHWANETSE GA ROMELWA KHOPI YA YONA KWA GO MOAKHAEFE WA POROFENSE PELE GORE A REBOLE TETLA. GORE GO NNE LE TSHUPETSO E E BONOLO GAMMOGO LE TAOLO E E BOKGONI, DIKITSISO DI TSHWANETSE GO FAROLOGANNGWA KA DIPALO MME NGWAGA NNGWE LE NNGWE E SIMOLOLA KA NNGWE, SEKAI. 1/1998, 2/1998, JALO LE JALO. (TEBANG LE MAKWALO A A SA AROGANNGWANG GONA, O KA LEBELELA TEMA 15 YA DITAELO TSENO)
TSAMAISO YA THULAGANYO
TSAMAISO YA TAOLO E NEETSWE MOTSAMAISI WA NAKWANA WA DIREKOTO MO KANTORONG YA TLHOGO YA LEFAPHA. GA GO A TSHWANELA GORE GO DIRWE DIPOELETSO/ DITLALELETSO MO THULAGANYONG NTLE LE GORE MOAKHAEFE WA POROFENSE LE MOTLHANKEDI ONO BA REBOLE TETLA YA SEO PELE. DITIRO TSE DINGWE TSA MOTLHANKEDI DI AKARETSA, GARENG GA TSE DINGWE, TSE DI LATELANG:
O TSHWANETSE GO SEKASEKA DIFAELE TSA LETSATSI LE LETSATSI GANGWE LE GAPE GO NETEFATSA GORE MAKWALO A TSENNGWA MO DIFAELENG TSE DI SIAMENG.
O TSHWANETSE GO NETEFATSA GORE GO IKOBELWA DITEMA 5 LE 6 TSA DITAELO TSENO KA BOTLALO KA GO SEKASEKA DIFAELE TSE DI MALEBA GANGWE LE GAPE GO NETEFASA GORE DI DIRISIWA KA TOLAMO.
O TSHWANETSE GORE KA GALE A NETEFATSE GORE KHOPIKGOLO E NNA E LE MO DINAKONG (LEBELELA GAPE TEMA 8)
GO TSHWANETSE GA TLHATLHOBIWA BOKGONI JWA THULAGANYO GANGWE LE GAPE GO NETEFATSA GORE O DIRWA DITSHEKATSHEKO TSE DI TLHOKEGANG. FA GO NNA LE DITIRO TSE DINTŠHWA, GO TSHWANETSE GA BULWA DIFAELE TSE DINTŠHWA MME FA GO TLHOKEGA DIFAELE TSE DI NTSENG DI LE GONA DI KGAOGANNGWE GONWE DI KOPANNGWE GO YA KA MABAKA. DIFAELE TSA BOTSADI (GO TEWA, MO DITLHOGO TSE DI AROGANTSWENG MME GAPE DI DIRISIWA JAAKA DIFAELE) DI TSHWANETSE GO TLHATLHOBIWA GANGWE LE GAPE GO THIBELA GORE DI SEKE TSA NNA DIFAELE TSA KAKARETSO MME FA GO TLHOKEGA GO DIRWE DIFAELEPOTLANA TSE DINGWE.
GO TSHWANETSE GA ELWA TLHOKO THATA MABAKA A MO GO ONA MAKWALO A SIMOLOLANG A LE MO FAELENG E NNGWE MME DIKGANG DI FETELE KWA MORERONG O MONGWE, GORE GO DIRISIWE DIFAELE TSE DI MALEBA.
MABAPI LE DITIRO TSE DI MALEBANA LE DITLHALOSO TSE DI MO DIPHUTHELONG TSA DIFAELE LE MAKWALO A A SA AROGANNGWANG, LEBELELA TEMA 12 LE 15 KA FA TLASE.
DITIRO TSE DI FA GODIMO DI TSHWANETSE GO TLHAGELELA MO LENANETIRONG LA MOTSAMAISI WA DIREKOTO
GO FAELWA MAKWALO KA TOLAMO
BATLHANKEDI BOTLHE BA BA DIRANG KA MAKWALO BA TSHWANETSE GO TLAMELWA KA KHOPI YA THULAGANYO YA GO FAELA. BATLHANKEDI BA TSHWANETSE GORE BA TLHALOGANYE MOFUTA O BA DIRANG KA ONA MME BA TSHWANETSE GO NETEFATSA GORE GO DIRWA KA MAKWALO OTLHE MO DIFAELENG TSE DI SIAMENG. FA GO SA FAELWA SENTLE SENO SE TSHWANETSE SA SIAMISIWA KA GANGWE FELA GO NETEFATSA GORE DILO TSA BOTLHOKWA GA DI SENYEGE LE GO THIBELA GO TSHOLWA GA TSHEDIMOSETSO E E SENANG MOSOLA WA PAKATELELE.
DIFAELE TSA PHOLESI
GO DIRILWE TLAMELO YA DIFAELE TSA PHOLESI GO RALALA THULAGANYO ENO. DIFAELE TSENO DI SUPIWA KE LETSHWAO LA "P" LE E LENG TLHAKA YA BOFELO YA PALO YA TSHUPETSO YA FAELE, SEKAI, 1.P, 1.1.P, JALO LE JALO. MERERO YOTLHE E E MALEBANA LE PHOLESI, DITSHWETSO, DITAELO, DITHULAGANYO GAMMOGO LE DIKAELO E TSHWANETSE GO NNA MO DIFAELENG TSENO GO NETEFATSA GORE GO NNA BONOLO GO DI FITLHELELA. GO TSHWANETSE GA LEMOGWA GORE LEREO LA DITAELO JAAKA LE DIRISITSWE FA GODIMO, LE KAYA DITAELO TSE DI MALEBANA LE TIRO YA KAROLO YOTLHE MME E SENG DITAELO GO MODIRI A LE NOSI, GO FITLHELELA KA NAKO E MOAKHAEFE WA POROFENSE A TLA BONG A REBOLA TSHWETSO TEBANG LE THULAGANYO YA GO FAELA. MOO MERERO YA PHOLESI E TLA BONG E SWEDIWA GO YA KA FAELE YA POROJEKE, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TL A SWETSA GORE A KE GO TSENNGWA KHOPI YA LEKWALO LOTLHE GONGWE KHOPI YA TSHWETSO YOTLHE MO FAELENG YA PHOLESI FA GO SETSE GO NTSHITSWE TSHWETSO TEBANG LE SENO. DIKHOPI TSA TSHWETSO E E TSERWENG MALEBANA LE FAELE YA A20, DI TSHWANETSE GO BEWA MO FAELENG YA PHOLESI E E TLA BONG E NA LE TSHUPETSO E E FETELANG KWA FAELENG E KGETSE ENO E WEDITSWENG E LE MO GO YONA. FA GO TSEWA TSHWETSO MALEBANA LE FAELE YA D, GO TSHWANETSE GA BEWA DIKHOPI TSOTLHE TSA MAKWALO A A MALEBA MO FAELENG E E MALEBA YA PHOLESI MOO GO NANG LE LEKWALO LE LE GOLO, SEKAI, FA PEGELO E NA LE TSHWETSO GONGWE THEBOLO YA PHOLESI, GO TSHWANETSE GA BEWA FELA KGOGO YA KAROLO E E MALEBA YA PEGELO MO FAELENG YA PHOLESI. MAKWALO A A BEWANG MO DIFAELENG TSA PHOLESI E TSHWANETSE GO NNA FELA A A LENG MALEBANA LE GO TLHAMIWA LE/ GONGWE GO SEKASEKIWA GA PHOLESI.
MAKWALO A A LATELANG GA A TSHWANELA GO BEWA MO DIFAELENG TSA PHOLESI:
DIPOTSISO TEBANG LE PHOLESI MME DI SA LEBISE KWA GORENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA KGOTSA THANOLO E E BAAKANTSWENG YA PHOLESI E E GONA.
GO SAMAGANA LE DIKGETSE TSA BATHO KA BONGWE KA BONGWE MME DI SA LEBISE KWA GO RENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA GONGWE GO BAAKANGWA GA PHOLESI YA GA JAANA.
DIKGETSE TSE DI MALEBANA LE NTLHAKGOLO GONGWE DINTLHANA KA KAKARETSO, FELA E SE MERERO YA PHOLESI, GAMMOGO LE DINTLHA TSE DI TLHAOTSWENG TSA MORERO O O RILENG O GO SENANG FAELE YA ONA. MO MABAKENG A A JALO, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO BUISANA LE MOAKHAEFE WA POROFENSE GORE GO TLE GO BULWE DIFAELE TSE DI MALEBA.
GO TLAMETSWE KA DIFAELE TSA DIPOTSISO TSA KA GALE KWA MAFELONG A A MALEBA MO THULAGANYONG YA GO FAELA. DIFAELE TSENO KE TSA DIPOTSISO TSE E LENG TSA PAKAKHUTSHWE TSE E LENG GORE GA DI TLHOKE GORE GO SALWE SEPE MORAGO FA GO SENA GO ROMELWA KARABO E E TLWAELEGILENG. DI SUPIWA MO THULAGANYONG YA GO FAELA KA TIRIO YA LETSHWALO LA "R" E E NNANG TLHAKA YA BOFELO YA PALO YA TSHUPETSO YA FAELE. GA GO A TSHWANELA KA GOPE GORE GO FAELWE MERERO YA BOTLHOKWA FANO.
DIPEGELO LE DIPOELO
MO SERISIKGOLONG YA DIPEGELO, DIPOELO LE TSHEDIMOSETSO, GO DIRILWE FELA TLAMELO YA DIPEGELO LE DIPOELO TSE GO KA SEKENG GA SAMAGANWA LE TSONA SENTLE KA FA TLASE GA SERISI EPE FELA E KGOLO. MOO GO FITLHELWANG GORE DIFAELE TSA DIPEGELO LE DIPOELO DI DIRETSWE TLAMELO MO DISERISING TSE DINGWE, SERISI E KGOLO YA DIPEGELO LE DIPOELO E TLA DIRISIWA FA FELA PEGELO YA POELO E KA SEKE YA TSENNGWA MO FAELENG YA SETLHOGO SEO MO SERISING E NNGWE.
KHOPIKGOLO
KHOPIKGOLO KE KHOPI YA THULAGANYO YA GO FAELA E E NANG LE DITLHOGO TSOTLHE TSE DI REBOTSWENG KE MOAKHAEFE WA POROFENSE LE E E SUPANG KA MOO DIFAELE DI TSHWANETSENG GO BULWA LE GO KWALWA DINOMORO KA TENG. GA GONA FAELE EPE E E TSHWANETSENG GO BULWA NTLE LE FA FELA TLHALOSO YA FAELE E SE TSE E KWADILWE MO DIREKOTONG TSA KHOPIKGOLO MME GO SETSE GO AMOGETSWE TETLA YA MOAKHAEFE WA POROFENSE LE MOTSAMAISI WA DIREKOTO. DIFAELE TSA DIKGETSE TSA BATHO BA BA FAROLOGANENG TSE DI BULWANG GO YA KA DINTLHA TSE DI MO THULAGANYONG GA DI KWADIWE MO DIREKOTONG TSA KHOPIKGOLO. MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO NETEFATSA GORE DIPOELETSO TSOTLHE LE DITLALELETSO TSE DI REBOTSWENG DI TSENNGWA MO DIREKOTONG TSA KHOPIKGOLO KA GANGWE FELA. KHOPIKGOLO KE TLAMELO YA BOTLHOKWA YA TAOLO MME E TSHWANETSE GO TSHOLWA KA PABALESEGO MO TLHOKOMELONG YA MOTSAMAISI WA DIREKOTO. GO TSHWANETSE GA TLHOKOMELWA GORE GA E LATLHEGE.
REJISETARA YA DIFAELE TSE DI BUTSWENG
MAIKAELELO A REJISETARA KE GO TSHOLA REKOTO E E FELETSENG YA DIFAELE TSE DI BUTSWENG. GO TSHWANETSE GA DIRISIWA SETLAMI SA MATLHARE A A SA KOPANENG KA NTLHA YA FA SE TLA KGONTSHA GORE GO TSENNGWE MATLHARE A TLALELETSO A GANTSI A TLHOKEGANG MO DIFAELENG TSA DIKGETSE TSE E LENG KAROLO YA KAROGANYO YA DIPALO. REJISETARA E TSHOLWA FELA KA MOKGWA O O TSHWANANG LE WA THULAGANYO YA FAELE MME DIFAELE DI TSENNGWA KA TATELANO E E TSHWANANG LE EO FELA. GO TSHWANETSE GA DIRWA KHOLOMO YA TLALELETSO GO LEBAGANA LE TLHALOSO YA FAELE MOO GO TLA KWALWANG LETLHA LA GO BULWA (LETLHA LA LEKWALO LA NTLHA) GO BAPA LE LEINA LA FAELE. TSEBE YA NTLHA YA REJISETARA E TSHWANETSE GO SUPA LEINA LA KANTORO E THULAGANYO E DIRANG MO GO YONA GAMMOGO LE LETLA LA GO TSENNGWA TIRISONG GA THULAGANYO. FELA JAAKA KHOPIKGOLO, REJISETARA YA DIFAELE TSE DI BUTSWENG E BOTLHOKWA TOTA MO TSAMAISONG E E BOKGONI YA DIREKOTO. E TSHWANETSE GO NNA E LE MO DINAKONG LE GO BEWA E BABALESEGILE.
REJISETARA YA DIFAELE TSE DI TSHWANETSENG GO SENNGWA
GO NA LE TLHOKEGO YA GORE REJISETARA YA DIFAELE TSE DI TSWETSWENG E GOGWE MORAGO FELA GA GORE MOAKHAEFE WA POROFENSE A REBOLE TAOLO YA GO TLOSIWA. REJISETARA ENO E AROGANTSWE KA DINGWAGA, SEKAI, 1998, 1999, 2000 JALO LE JALO. FA FAELE YA D E TSWALWA KA NTLHA YA GORE E A BOITSHEGA, PALO YA YONA YA TSHUPETSO E TSHWANETSE GO TSENNGWA KA FA TLASE GA NGWAGA E E REBOLETSWENG GO SENNGWA KA YONA. BOLUMU E E TSWETSWENG KA 1999 MME TAELO YA GORE E SENNGWE E LE D3, E TLA TSENNGWA KA FA TLASE GA NGWAGA WA 2002, MME KA GO DIRA JALO GO NNA BONOLO GO LEMOGA DIFAELE TSE DI TSHWANETSENG GO SENNGWA MO NGWAGENG MONGWE LE MONGWE. GO ATLENEGISIWA TIRISO YA DITLAMI TSA MATLHARE A A SA KOPANENG KA NTLHA YA FA GO SA KGONEGE GO KA ITSE PALO YA DITSEBE TSE DI TLA BATLEGANG GO SA LE GALE. (MALEBANA LE GO SENNGWA, LEBELELA TEMA 17 KWA PELE).
GO TSENNGWA TIRISONG GA THULAGANYO E NTŠHWA
THULAGANYO ENO E TLILE GO TSENNGWA TIRISONG MME MORAGO GA MOO GA GO KITLA GO TLHOLA GO NNA LE PUISANO EPE TEBANG LE DIFAELE TSA THULAGANYO E KGOLOGOLO. LE GALE, DIFAELE TSA DIKGETSE TSA GA JAANA, DI KA NNA TSA AGELELWA MO THULAGANYONG E NTŠHWA, FA FELA GO AMOGETSWE TETLA E E KWADILWENG GO TSWA GO MOAKHAEFE WA POROFENSE PELE GA GO DIRWA SEO.
GO BULWA GA DIFAELE GAMMOGO LE TLHALOSO MO DIPHUTHELONG TSA DIFAELE
GO TSHWANETSE GA BULWA DIFAELE FA FELA DI TLHOKEGA. GO TSHWANETSE GA ELWA TLHOKO GORE GO OBAMELWA KA BOTLALO TIRISO YA DIPALO LE TLHALOSO YA DIFAELE JAAKA GO KAILWE MO THULAGANYONG. MO MABAKENG A DITLHALOSO TSA DIFAELE DI LENG DITELELE THATA, GO KA TLOGELWA DINTLHA DINGWE TSE E SENG KAROLO YA BOTLHOKWA YA SETLHOGO. GO NAYA SEKAI, MOO SETLHOGO SOTLHE SE BUISEGANG JAANA: PEOMOLAO LE DITHULAGANYO: MELAO LE MELAWANA: TIRELO SETŠHABA; MELAWANA: DITHANOLO LE DIKGAKOLOLO TSA SEMOLAO, GO KA TLOGELWA TSE DI LATELANG: MELAO LE MELAWANA. LE FA GO KA TLOGELWA DIKAROLO TSE DI RILENG, LEINA LA SERISIKGOLO LE TSHWANETSE GO TLAMELWA KA GALE MME SETLHOGO SE TSHWANETSE GO BO SE LEKANE GO KA KGONA GO TLHALOSA DITENG TSA FAELE. GO THUSA BADIRI BA KANTORO YA BOKWADISETSO, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO SUPA GORE KE DIKAROLO DIFE TSE DI KA TLOGELWANG MO MABAKENG A A JALO. MAINA A TSHWANETSE GO KWALA KA ENKE E E SA PHIMOGENG. MATLHA A MAKWALO A NTLHA LE A BOFELO GAMMOGO LE DITAELO TSE DI MALEBA TSA GO TLOSIWA, FA DI LE GONA, DI TSHWANETSE GO TLHALOSIWA MO SEPHUTHELONG SA FAELE. DIPHUTHELO TSE DI ONETSENG DI TSHWANETSE GO REFOSIWA GANGWE LE GAPE.
DITLHALOSO TSE DI THALETSWENG
DITLHALOSO TSOTLHE TSE DI THALETSWENG DI KAYA DITLHOGO FELA. DIKAROGANYO DI TSHWANETSE GO DIRWA KA FA TLASE GA DITLHALOSO TSENO TSA DITLHOGO, FELA GA GO A TSHWANELWA GO BULWA DIFAELE DIPE TSA DITLHALOSO TSE DI THALETSWENG.
DITLHALOSO TSE DI MO MASAKANENG
DITLHALOSO TSE DI MO MASAKANENG KA FA TLASE GA DITLHOGO KGOTSA DITLHALOSO TSA FAELE DI DIRISIWA JAAKA KAEDI FELA MME GA DI A TSHWANELA GO TSENNGWA MO DIPHUTHELONG TSA DIFAELE.
MAKWALO A A SA AROGANNGWANG: THULAGANYO
FA GO AMOGELWA MAKWALO A A SA TLAMELWANG KA FAELE, MAKWALO AO A TSHWANETSE GO BEWA NAKWANA MO FAELENG YA 2.8.2.2. YA THULAGANYO E E TSHWANANG YA GO FAELA YA DITIRO TSA THUSO. GO TSHWANETSE GA DIRWA KOPO GO MOTSAMAISI WA DIREKOTO MO FAELENG YA 2.8.2.1 YA THULAGANYO E E TSHWANANG YA GO FAELA YA DITIRO TSA THUSO GORE A REBOLE TETLA YA GORE GO BULWE FAELE E E MALEBA. GO TSHWANETSE GA TLAMELWA KA TSHEDIMOSETSO KA BOTLALO TEBANG LE MOFUTA WA MAKWALO GAMMOGO LE DIKATLENEGISO TEBANG LE TLHALOSO LE GORE FAELE YA GO NNA JALO E BEWE KAE. MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TLA FETISETSA KOPO KWA MOAKHAEFENG WA POROFENSE MME E TLA RE FA FELA GO SENA GO REBOLWA TETLA, A ITSESE MAFAPHA A MANGWE OTLHE (A ONA A TLA ITSESENG DIKANTORO TSA KGAOLO), A A TLA TSHWANELANG GO BAAKANYA DITHULAGANYO TSA ONA TSA GO FAELA. JAANONG MAKWALO A A MO FAELENG YA 2.8.2.2 YA THULAGANYO E E TSHWANANG YA GO FAELA YA DITIRO TSA THUSO A TLA TSHWANELA GO FETISEDIWA KWA FAELENG E NTŠHWA.
DIPHUTHELO TSA DIFAELE TSA MAMETLELELO
SEPHUTHELO SA TLALELETSO SA FAELE SE TSHWANETSE GO BULWA FA GO TLHOKEGA GORE GO BOLOKWE DIBUKA TSE DIKGOLO, JALO LE JALO, TSE DI KA FELELTSANG DI DIRILE GORE FAELE E NNE KIMA THATA. LE GALE GA GO A TSHWANELA GORE GO FAELWE MAKWALO APE MO SEPHUTHELONG SEO. SEPHUTHELO SE TSHWANETSE GO TSHWAIWA SENTLE KA PALO YA TSHUPETSO YA FAELE YA MAKWALO MME SE KWALWE KA FA NTLE "FAELE YA MAMETLELELO". LEKWALO LENGWE LE LENGWE LE LE MO FAELENG YA MAMETLELELO LE TSHWANETSE GO NNA LE TSHUPETSO E E FETELANG KWA NTLHENG E E MALEBA YA MAKWALO E E AMOGETSWENG KA FA TLASE GA YONA.
GO TLOSIWA GA DIFAELE
FA MOAKHAEFE WA POROFENSE A SETSE A REBOTSE TETLA YA GO TLOSIWA, DITAELO TSA GO NNA JALO DI BONTSHIWA GO LEBAGANA LE FAELE NNGWE LE NNGWE MO KHOLOMONG YA TLOSO E E TLAMETSWENG MO THULAGANYONG. MATSHWAO A TLOSO A A DIRISIWANG GANTSI A SUPA TSE DI LATELANG:
A.20: E BEELE GO TLA FELELETSA E FETISEDITSWE GO MOAKHAEFE WA POROFENSE.
D: SENYA MORAGO GA GO FETA GA DINGWAGA TSE DI KAILWENG KA PALO E E LATELANG TLHAKA YA D.
GO TSHWANETSE GA TLOSIWA DIFAELE GANGWE LE GAPE, BONNYE GANGWE KA NGWAGA, FA FELA GO AMOGETSWE TETLA YA GO TLOSA GO TSWA GO MOAKHAEFE WA POROFENSE. GO SENYA DIFAELE (GONGWE DIREKOTO DINGWE FELA TSA SETSHABA) NTLE LE TETLA YA MOAKHAEFE WA SETSHABA KE MOLATO WA BOSENYI. GO TSHWANETSE GA ISIWA SETIFIKEITI TSA TLOSO SE SE REBOTSWENG GO MOAKHAEFE WA POROFENSE KA BONAKO JO BOKGONEGANG MORAGO GA TLOSO.
BOKIMA JWA DIFAELE
DIFAELE GA DI A TSHWANELA GO FETA BOKIMA JO BOKANA KA 3CM. FAELE E TSHWANETSE GO TSWALWA FA E FITLHELELA BOKIMA JONO MME GO TSHWANETSE GA BULWA SEPHUTHELO SE SENTŠHWA. PALO YA BOLUMU E NTŠHWA (GO FA SEKAI, BOLUMU 2) E TSHWANETSE GO BONTSHIWA KA FA NTLHE GA SEPHUTHELO SE SENTSHWA. GO TSHWANETSE GA FAELWA PAMPIRI E E NANG LE MAFOKO A: "E TSWETSWE, LEBELELA BOLUMU..." E LE SELO SA BOFELO MO BOLUMUNG E E TSWETSWENG. "BOLUMU 1" E TSHWANETSE GO SUPIWA FA FELA GO SETSE GO BUTSWE BOLUMU 2.
GO TSWALWA GA DIFAELE TSA BOTLHOKWA
GO TSHWANETSE GA LATELWA THULAGANYO E E LATELANG FA GO TSWALWA DIFAELE TSA A20:
GO TSHWANETSE GA SEKWASEKWA TSEBE NNGWE LE NNGWE YA MAKWALO GO NETEFATSA GORE A GA GO A DIRWA PHOSO FA GO FAELWA. JAANONG GO FAELWA PAMPIRI E E NANG LE MAFOKO A "E TSWETSWE - E TSWELEDIWA MO BOLUMU..." E LE NTLHA YA BOFELO MO TENG GA SEPHUTHELO SA FAELE.
GO TSHWANETSE GA REFOSIWA DIPHUTHELO TSA DIFAELE TSE DI ONETSENG.
JAANONG DIFAELE DI BEWA LE GO BOLOKIWA MO DIBOKOSONG TSE DI DIRETSWENG MABAKA ANO.
DIFAELE TSA DIKGETSE
DIFAELE TSA DIKGETSE TSE E LENG KAROLO YA THULAGANYO ENO DI TSHWANETSE GO BULWA GO YA KA DITAELO TSE DI FITLHELWANG MO MAFELONG A A MALEBA MO THULAGANYONG. LEBELELA GAPE TEMA 8 YA DITAELO.
TIRISO YA DITHULAGANYO TSA GO FAELA
GO NA LE MEFUTA E LE MERARO YA DITHULAGANYO TSA GO FAELA TSE DI DIRISIWANG KE MAFAPHA MO TSAMAISONG YA POROFENSE:
THULAGANYO ENO (THULAGANYO YA O FAELA YA BADIRI) E E TSHWANANG MME E DIRISIWA KE MAFAPHA OTLHE A POROFENSE MO POROFENSENG ENO,E GAPE E DIRANG KA TSAMAISO YA BADIRI MO DIKANTORONG TSE DI AMEGANG.
THULAGANYO YA GO FAELA YA DITIRO TSA TSHEGETSO E LE YONA FELA JAAKA THULAGANYO ENO, E TSHWANANG MME E DIRISIWA KE MAFAPHA OTLHE A POROFENSE MO POROFENSENG MME E DIRA KA DITIRO TSE DI KGONTSHANG KANTORO E E AMEGANG GO TSWELETSE DITIRO TSA YONA TSA KA GALE;
THULAGANYO YA GO FAELA E E LENG YA SERISI YA DITIRO TSA KA GALE. E FAROLOGANE GO YA KA MAFAPHA A A FAROLOGANENG MME E SUPA MAITLHOMO TOTA LE DITIRO TSA KANTORO E E AMEGANG TSE DI E FAROLOGANYANG LE KANTORO E NNGWE.
BAKHUDUTHAMAGA BA POROFENSE BOTLHE BA NA LE DITHULAGANYO TSA BONA TSA GO FAELA TSE DI DIRISIWANG KE BONA FELA.
THULAGANYO YA GO FAELA YA BADIRI
REJISETARA YA DIFAELE TSE DI BUTSWENG - LEFAPHA LA DITŠHELETE
LETLHA LA GO BULWA
NOMORO YA FAELE
SETLHOGO SA FAELE
LETLHA LA GO TSWALWA
LETLHA LA GO TLOSIWA
BOLUMU
Taolo ya badiri - malatsi a a setseng le Togamaano
Ditshelete - Dituelo tsa badiri - Dituelo
Katiso - katiso e e seng ya tlwaelo - Khoso ya Dithekeniki tse di tseneletseng tsa Tsamaiso
Ditshelete - Dituelo - Dipaakanyo
Katiso - katiso e e seng ya tlwaelo - Khoso ya tsamaiso ya theko ya dithoto
Go ngoka badiri gammogo le ditatlhegelo - Dikopo tsa tiro le dithapo - Diphatlhatiro tsa leruri
Go ngoka badiri gammogo le ditatlhegelo - Dikopo tsa tiro le dithapo - S3 badiri ba konteraka
Seemo sa ditiro - Pholesi
Katiso - Tlhabololo ya bokgoni
Taolo ya badiri - Tlhaloso ya tiro le maemo
Dikamano le badiri - mekgatlho ya badiri - Ditherisano
Merero ya selegae - Pholesi
LETLHA LA GO BULWA
NOMORO YA FAELE
SETLHOGO SA FAELE
LETLHA LA GO TSWALWA
LETLHA LA GO TLOSIWA
BOLUMU
Seemo sa ditiro - Tumelano - Ditumelano tsa tiro
Seemo sa ditiro - Tumelano - Ditumelano tse di kopanetsweng
Ditshelete - Tokafatso ya seemo sa tiro - Dielo tsa dituelo
Katiso - Katiso e e seng ya tlwaelo - Dikhoso tsa katiso ya dikhomphiutara
Katiso - katiso e e seng ya tlwaelo - Katiso ya Tsamaiso ya Kitso
Go ngoka badiri gammogo le ditatlhegelo - Dipapatso
Katiso - Katiso e e sa tlwaelegang - Dikhoso tsa Tsamaiso ya Direkoto
Katiso - Katiso e e sa tlwaelegang - Dikhoso tsa Ditlelereke tsa Bokwadisetso
Merero ya selegae - Dikakgolo, Matshediso le Malebo
Taolo ya badiri - Tswelelopele le Dipegelo tsa kwatara
LETLHA LA GO BULWA
NOMORO YA FAELE
SETLHOGO SA FAELE
LETLHA LA GO TSWALWA
LETLHA LA GO TLOSIWA
BOLUMU
Katiso - Katiso e e sa tlwaelegang - Dikhoso tsa Tsamaiso ya Porojeke
Seemo sa tiro - malatsi a boikhutso - Malatsi a boikhutso a khunologo
Ditlhatloso - Pholesi
Ditlhatloso - Ditlhatloso tsa renke
Taolo ya Diphatlhatiro - Go tlhomiwa - Go tlhamiwa, go fetolelwa le go Tokafadiwa ga diphatlhatiro
Seemo sa Tiro - Temogo ya Maitemogelo
Seemo sa Tiro - Temogo ya Borutegi
Seemo sa Tiro - Malatsi a boikhutso - Malatsi a boikhutso a khunologo
Seemo sa Tiro - Malatsi a boikutso - Malatsi a boikhutso a bolwetse
Seemo sa Tiro - Malatsi a boikhutso - Malatsi a bokhutso a a kgethegileng
Seemo sa Tiro - Malatsi a boikhutso - Malatsi a bokhutso a go ithuta
Motsamao wa Badiri - Diphetiso
Peomolao le Thulaganyo - Melao le Melawana - Melawana ya Tirelo Setshaba - Ditlhabololo
LETLHA LA GO BULWA
NOMORO YA FAELE
SETLHOGO SA FAELE
LETLHA LA GO TSWALWA
LETLHA LA GO TLOSIWA
BOLUMU
Katiso - Katiso e e Fomale - Di-dipoloma
Peomolao le Thulaganyo - Melao le Melawana - Melawana ya Tirelo Setshaba - Dithanolo le Dikgakololo tsa Semolao
Peomolao le Thulaganyo - Ditlhabololo tsa Melawana ya Tirelo Setshaba
Ditshelete - Dituelo - Dikgogo
Taolo ya Diphatlhatiro - Go tlhamiwa - Tekanyetso
Dikamano tsa Badiri - Pholesi
Katiso - Katiso e e seng fomale - Katiso ya Dikhoso tse dikhutshwane
Go ngoka badiri le ditatlhegelo - Dikopo le Dithapo - Diphatlhatiro tse di sa tlhalosiwang
Seemo sa Tiro - Malatsi a boikhutso
Ditshelete - Tuelo ya go dira go feta nako e e beilweng ya tiro
Go ngoka badiri le ditatlhegelo - Go ngoka - Papatso
Katiso - Katiso e e seng fomale - Dikhoso tsa Ditshelete
Go ngoka badiri le ditatlhegelo - Pholesi
LETLHA LA GO BULWA
NOMORO YA FAELE
SETLHOGO SA FAELE
LETLHA LA GO TSWALWA
LETLHA LA GO TLOSIWA
BOLUMU
Motsamao wa Badiri - Dithulaganyo tsa go tshwarelela
Seemo sa Tiro - Malatsi a boikhutso - Malatsi a boikhutso a khunologo
Katiso - Katiso e e seng Fomale - Khoso ya Dithekeniki tse di Tseneletseng tsa Tsamaiso
Taolo ya Badiri - Ditshwetso le Dikgato tsa Kgalemo
Seemo sa Tiro - Khoutu ya Tuelo
THULAGANYO YA GO FAELA YA TSHEGETSO
REJISETARA YA DIFAELE TSE DI BUTSWENG - LEFAPHA LA DITSHELETE
LETLHA LA GO BULWA
NOMORO YA FAELE
SETLHOGO SA FAELE
LETLHA LA GO TSWALWA
LETLHA LA GO TLOSIWA
BOLUMU
Thulaganyo le Taolo - Tsamaiso ya Direkoto - Makwalo
Ditshelete - Thulaganyo ya Tsamaiso ya Ditshelete - Dikhoutu tsa Kabo - Dikhoutu tsa Kabo ya Ntlhana
Popego le Dikopano tsa Ditheo le Dikokoano tse dingwe - Ditaletso tse di amogetsweng - Makwalo a ka gale
Bonno - Kopo ya le Kabo ya - Bonno jwa semmuso
Thulaganyo le Taolo - Tsamaiso ya Direkoto - Thulaganyo ya go faela Makwalo - Makwalo a a sa aroganngwang
Ditshelete - Dithulaganyo tsa go Banka - Manaane, Dipegelo, Dipoelo le Dikanego
LETLHA LA GO BULWA
NOMORO YA FAELE
SETLHOGO SA FAELE
LETLHA LA GO TSWALWA
LETLHA LA GO TLOSIWA
BOLUMU
Ditšhelete - Maikarabelo a Palotlotlo - Ditšheke tse di sa tlotlwang
Bobolokelo le Ditirelo - Tirelo - Telkom - Dikaedi tsa difounu
Ditshelete - Ditekanyetso - Letlhomeso la Ditshenyegelo la Pakagare
Bobolokelo le Ditirelo - Bobolokelo - Go bonwa le Tlhokomelo ya Fanetshara ya Kantoro
Dipalangwa - Dithebolo tsa tetla ya go phaka
Ditshelete - Maikarabelo a Palotlotlo - Go rebolwa ga ditsheke gape
Bonno - Go bonwa ga Ditsha le go agiwa ga Dikago tsa Kantorokgolo
Ditšhelete - Dipholesi
Ditšhelete - Maikarabelo a Palotlotlo - Ditshekatsheko tsa seemo sa ditšhelete (boruni) - Dipegelo
Ditšhelete - Ditekanyetso - Go sutisiwa ga matlole
Dipegelo, Dipoelo le Tshedimosetso - Dipegelo le Dipoelo - Dipegelo tsa ngwaga le ngwaga - Dipegelo tse di kopanetsweng
Peomolao - Melao/Melaotlhomo ya rona - Leina la Molao/Molaotlhomo wa Ntlha - Dithanolo le Dikgakololo tsa Semolao
Dipalangwa - Dipalangwa tsa Puso - Dikopo tsa
Pegelo le Dipoelo gammogo le Tshedimosetso ya Ditiragalo tse di rulagantsweng
LETLHA LA GO BULWA
NOMORO YA FAELE
SETLHOGO SA FAELE
LETLHA LA GO TSWALWA
LETLHA LA GO TLOSIWA
BOLUMU
Popego le Dikopano - Kopano ya botsamaisi ka kakaretso
Pegelo le Tshedimosetso - Tlhagiso ya Ditogamaano tsa Tiro tsa Kgwedi le Kgwedi
Ditšhelete - Maikarabelo a Palotlotlo - Dipotsiso tsa Tshedimosetso ya Tlhatlhobo ya Boruni
Ditšhelete - Go tswalelwa ga ngwaga wa Ditšhelete
Dikopo le Dikabo tsa Bonno jwa Dikantoro - Kantorokgolo
Ditšhelete - Ditekanyetso - Tlhomamiso ya Tekanyetsokabo
Ditšhelete - Ditekanyetso - Thulaganyo ya Tsiboso ya go sa le gale
Ditšhelete - Maikarabelo a Palotlotlo - Tshedimosetso le Ditshwaelo
Ditšhelete - Ditshenyegelo - Bogodu
Dipegelo, Dipoelo le Tshedimosetso - Dipegelo le Dipoelo - Dipegelo tsa ngwaga le ngwaga - Ditirelo tsa Ditheo
Dipalangwa - Dipalangwa tsa Puso - Dikopo tsa
Thulaganyo le Taolo - pholesi - Lenaneo la Kagosešwa le Tlhabololo - Togamaano ya Porojeke
LETLHA LA GO BULWA
NOMORO YA FAELE
SETLHOGO SA FAELE
LETLHA LA GO TSWALWA
LETLHA LA GO TLOSIWA
BOLUMU
Thulaganyo le Taolo - Kabinete - Tshwetso ya Kabinete
Ditšhelete - Ditshenyegelo - Ditleleimi tsa Mafapha a mangwe
Thulaganyo le Taolo - Ditiro - Go rulaganngwa ga Dipolelo tsa Ponelopele le Maitlhomo
Ditšhelete - Ditekanyetso - Ditekanyetso tsa Kapitale - Ditekanyetso tsa Tlaleletso
Ditšhelete - Ditshenyegelo - Tuelo ya Diakhaonte - Ditirelo tse di rekilweng
Dipalangwa - Dipalangwa tsa Puso - Dikotsi
Dipegelo le Dipoelo/ Dikakgelo mo puong ya Tonakgolo
Diphetiso tsa dithata tsa leruri
Go fetolelwa ga Bobolokelo le Ditirelo tsa Ditšhelete go nna tsa Poraefete / Ditirelo tsa phepafatso
Ditšhelete - Ditshenyegelo - Tuelo ya Diakhaonte - Dilo tse di bolokiwang tse di Rekilweng
Dipalangwa - Dipalangwa tse di etleediwang
LETLHA LA GO BULWA
NOMORO YA FAELE
SETLHOGO SA FAELE
LETLHA LA GO TSWALWA
LETLHA LA GO TLOSIWA
BOLUMU
Ditšhelete - Lekgetho - Tshitshinyo ya/ Diporojeke tse di kgethegileng
Ditšhelete - Thebolo - Lephata la taolo ya matlole la bosetšhaba
Ditšhelete - Ditekanyetso - Dikakgelo go Mokhuduthamaga
Ditšhelete - Tiro e e dirilweng ke ditlamo tse di tswang kwa ntle di direlwa Lefapha - Boruni le Ditlhatlhobo
Ditšhelete - Dipotsiso tsa ka gale
Popego le Dikopano tsa ditheo le Dikokoano tse dingwe - Malebana le Ditiro tsa Tshegetso - Dikopano - Mananetema le Metsotso - Dikopano tsa Ditlhogo tsa Dikarolo
Thulaganyo le Taolo - Ditogamaano tsa Kgwebo tsa Lefapha
SEJULE YA TAOLO YA DIREKOTO
LEFAPHA LA DITSHELETE: TSAMAISO YA POROFENSE YA KAPA BOKONE
DITAELO KA KAKARETSO
DIPAAKANYO, DITLALELETSO LE GO DIRA DIPEGELO
REJISETARA YA DITSHENYO
TSHENYO
TSHUPO
TLHALOSO YA MATSHWAO A GO TLOSIWA
DITENG
A DIPEGELO LE METSOTSO
B DIREJISETARA TSA DITSHELETE
C DIREJISETARA TSE DI SA AKARETSENG DIREJISETARA TSA DITSHELETE
E DITSHWANTSHO DINEPE
DITAKELO KA KAKARETSO TEBANG LE SEJULE YA TAOLO YA DIREKOTO
Taolo ya sejule e mo magetleng a Motsamaisi wa Direkoto. Ga go a tshwanela go dirwa dipaakanyo le/ kgotsa ditlaleletso dipe mo sejuleng ntle le tumelelo ya motlhankedi yono.
DIPAAKANYO, DITLALELETSO GAMMOGO LE PEGELO
Dipaakanyo tsotlhe le ditlaleletso di tshwanetse go tlisiwa gangwe le gape go Moakhaefe wa Porofense gore a di kwale, a di rebole mme a ntshe tetla ya gore di tlosiwe.
KHOPIKGOLO
Khopikgolo ya sejule ya taolo ya direkoto e faelwa mo sephuthelong se sele mme e supiwa jalo mo sephuthelong se se ka fa ntle. Khopi e tsholwa ke motlhankedi yo o kailweng fa godimo yo o tshwanetseng go netefatsa gore e tsholwa e le mo dinakong le gore ditaelo tsa tema 2 di a tswelediwa.
REJISETARA YA TSHENYO
Fa go setse go rebotswe tetla ya go tlosiwa ga dilo tse di mo sejuleng ya taolo ya direkoto, go tshwanetse ga tsenngwa tirisong rejisetara ya tshenyo. Rejisetara eno e arogantswe ka dingwaga, go fa sekai, 2002, 2003, 2004, jalo le jalo. Fa ntlha e tswalwa, nomorotshupetso ya yona e tshwanetse go tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga e e tla senngwang ka yona. Ka jalo, ntlha e e tswetsweng ka ngwaga wa 2002, e taelo ya yona ya go senngwa e leng D3, e tla tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga wa 2005, mme ka go dira jalo go lemosega sentle gore ke dintlha dife tse di tshwanetseng go senngwa mo ngwageng o o rileng. Go atlenegisiwa tiriso ya setlami se se sa kopanang gonne go sa kgonege gore go ka itsewe pele ga nako, palo ya ditsebe tse di tla tlhokegang ka ngwaga.
TSHENYO
Go tshwanetse ga tlosiwa dilo gangwe le gape - bonnye gangwe ka ngwaga - mme fa go dirwa jalo, setifikeiti se se rebotsweng sa tshenyo se isiwe go Moakhaefe wa Porofense.
TSHUPO
Dilo tsotlhe di tshwanetse go supiwa mo sephuthelong se se ka fa ntle ka nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo sejuleng ya taolo ya direkoto gammogo le ka taelo e e maleba ya tshenyo. Nomoro le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong ya khutlonne.
TLHALOSO YA MATSHWAO A TLOSO
A2O. - Fetisetsa go botsenyo jwa diakhaefe mo dingwageng di le 20morago ga bokhutlo jwa ngwaga e direkoto di dirilweng ka ona.
D. - Senya (gore e simologa kae go laola paka ya go tsholwa)
D7 - Senya mo dingwageng di le 7 morago ga go tswalwa
AP - Di ka nna mo matsogong a setheo sebaka se se sa lekanyediwang. Fa go tlosiwa, sekai, fa kantoro e tswalelwa gongwe go tlosiwa dithoto, di tshwanetse go fetisediwa kwa botsenyong jwa diakhaefe.
DAU - Senya ka gangwe fela fa go sena go fediwa go runiwa.
DAU3 - Senya morago ga dingwaga di le 3 go sena go fediwa go runiwa
DAU7 - Senya morago ga dingwaga di le 7 go sena go fediwa go runiwa
SEJULE YA TAOLO YA DIREKOTO (LEFAPHA LA DITŠHELETE)
Karolo Tlhaloso Kantoro e e Tloso
Kwa go yona
Dipegelo 1. Metsotso ya Boto ya Dithendara Mokwaledi wa Boto
Le Metsotso ya Dithendara
Metsotso ya kopano ya Botsamaisi Kantoro ya Tlhogo ya Lefapha
Dipegelo tsa Persal Teseke ya Thuso ya
Direjisetara
Direjisetara 1. Dituelo tsa Telkom Karolo ya Palotlotlo tsa Ditšhelete 2. Direjisetara tsa ketleetso ya mhago Karolo ya Palotlotlo le maeto (Tsa mafapha otlhe.)
Go tlhagisiwa ga rejisetara ya dithoto Karolo ya Palotlotlo
Rejisetara ya diforomo tsa feisi Karolo ya Palotlotlo
Rejisetara ya palo ya ditšheke tsa Karolo ya Palotlotlo khomphiutara tse di ntshiwang letsatsi le letsatsi tsa lefapha lengwe le lengwe
Direjesetara tsa hatekhopi Dituelo Karolo ya Palotlotlo tse di dirilweng, lotseno la lekgetho fa e sale ka ngwaga wa 1994.
Rejisetara ya dikanego tsa Karolo ya Palotlotlo
Ditšhelete tse di tsholwang ke
Lefapha lengwe le lengwe
Rejisetara ya dikarata tsa masetara Karolo ya go banka
Go ntshiwa ga rejisetara ya ditšheke Karolo ya go banka gape
Go saeniwa ga ditšheke tsa Karolo ya go banka mafapha otlhe
Rejisetara ya dituelo tsa dithoto Karolo ya go banka
Rejisetara ya Dituelo tsa Karolo ya go banka go tlosa melato
Rejisetara ya melato ya foromo Tsamaiso ya lekgetho thulaganyo ya maeto
Rejisetara ya dituelokompa -1084 Dituelo tsa badiri
Rejisetara ya ditšheke tsa seatla Dituelo tsa badiri
Dituelo tsa mafapha otlhe
Rejisetara ya pusetso ya dituelo Dituelo tsa badiri tsa badiri
Rejisetara ya taolo ya go gapelwa Dikgogo tsa dituelo
Rejisetara ya pusetso ya Digogo tsa dituelo diphenšene 
Rejisetara ya taolo ya go gapelwa Dikgogo tsa dituelo e e buseditsweng go babueledi
Rejisetara ya motsamao wa tšhelete Dikgogo tsa dituelo
Rejisetara ya mesaeno ya metšhini Dithulaganyo
Rejisetara ya ditšheke palo ya Dithulaganyo ditšheke tse di amogelwang ka letsatsi
Rejisetara ya phasalatso ya Dithulaganyo ditšheke
Rejisetara ya pegelo ya FMS Dithulaganyo
Rejisetara ya setlhopha sa Karolo ya ditšhelete
Dipegelo (ya lefapha lotlhe)
Rejisetara ya ditšheke tse di Karolo ya ditšhelete kwadilweng ka letsogo le tsa khomphiutara
Direjisetara 1. Rejisetara ya difaele tse di butsweng Bokwadisetso jwa magareng
Go sa 2. Khopikgolo ya thulaganyo ya go faela Tlhogo ya bokwadisetso akarediwe 3. Sejule ya Taolo ya Direkoto Tlhogo ya bokwadisetso direjisetara tsa 4. Rejisetara ya batho ba ba dirisang Palotlotlo ditšhelete phaposibobolokelo e e popota
Rejisetara ya difekese tse di Bokwadisetso jwa magareng amogetsweng
Rejisetara ya dirori Karolo ya go reka
Rejisetara ya makwalo a a tswelang Tsamaiso ya lekgetho kwa ntle IRP 5
Rejisetara ya makwalo a a tswelang Bokwadisetso jwa magareng kwa ntle.
Rejisetara ya makwalo a a Boto ya dithendara rejisetarilweng
Rejisetara ya dithendara tsa Boto ya dithendara mafapha a a farologaneng
Rejisetara ya dithendara tse di Boto ya dithendara amogetsweng ka poso le thomelofefo
Rejisetara tsa disampole tsa Boto ya dithendara thendara
Rejisetara
Direjisetara 1. Taolo ya Phetolo ya Thulaganyo Teseke ya Thuso ya Persal tsa 2. Melaetsa ya thulaganyo Teseke ya Thuso ya Persal
Eleketoroniki) (Dipaakanyo tsa dintlha tsotlhe mo
Direkoto tsa Katiso ya Persal Teseke ya Thuso ya Persal
Dinepe 1.Ditlhopa tsa Ditšhelete Lephata la Mokhuduthamaga
Ditlhopa tsa Ditšhelete Lephata la Mokhuduthamaga
Tiro ya mafelo a ngwaga Lephata la Mokhuduthamaga
Setlhopha sa kgwele ya dinao Karolo ya go reka sa basadi
Moporesidente wa naga Kantoro ya tlhogo ya lefapha
Tonakgolo Manne Dipico Kantoro ya tlhogo ya lefapha
Mokhuduthamaga: Akharwaray Kantoro ya tlhogo ya lefapha
Moporesidente wa pele wa naga
E. DIREKOTO TSE DI KA FITLHELELWANG KA BOITIRISO
Dipegelo tsa ngwaga le ngwaga le dipegelo tse dingwe tsa tswelelopele
Dikanego tsa ditšhelete
Ditekanyetsokabo le makwalo a a amanang natso
Difaele tsotlhe tsa dipholesi
F. DITIRELO TSE SETSHABA SE TLAMELWANG KA TSONA
Lefapha la Ditšhelete le tlamela mafapha a mangwe ka ditirelo. Lefapha le thusa mafapha a mangwe go a kgontsha go tlamela setšhaba ka ditirelo.
DITIRELO KA TLHAMALALO GO SETSHABA
Lefapha le tla tlamela ditlhopa tse di nang le kgatlhego dikhopi tsa Dikanego tsa Tekanyetsokabo tsa ngwaga e nngwe le e nngwe fa go kopiwa jalo.
Kantoro ya Boto ya Dithenkara ya Porofense e itsese setšhaba ka dithendara tse di phasaladitsweng mme e ntsha dikwalo tsa dithendara gammogo le go tlamela ka katiso ya ditsela tsa go thendara go setšhaba / ditlhopa tse di nang le kgatlhego fa go kopiwa jalo.
DITIRELO TSE E SENG TSA TLHAMALALO GO SETSHABA
Kantoro ya Boto ya Dithendara ya Porofense e tlamela ka katiso le thuso go mafapha go netefatsa gore a ikobela dipholesi tsa theko ya dithoto.
Lephata la Ramatlotlo la Porofense le netefatsa gore go dirisiwa mekgwa ya ditšhelete e e seng bofitlha le gore go phasaladiwa dikanego tse di ikanyegang tsa ditšhelete gore batho ba di bone.
G. PATLOMAIKUTLO, GO NNA LE SEABE GAMMOGO LE GO SUSUMETSA GO TLHAMIWA GA PHOLESI
Lefapha la Ditšhelete le nna le dikamano tse di tswelelang le mafapha a mangwe a porofense ka setheo sa Batlhankedibagolo ba Ditšhelete, thulaganyo ya dikanego tsa tekanyetsokabo tsa ngwaga le ngwaga gammogo le ditlhagiso tsa khansele ya tekanyetsokabo ya mafapha ngwaga le ngwaga. Ka dikamano tse di fa godimo, mafapha a manwe a porofense a newa kaelo go tokafatsa ditirelo go badirisi (baagi). Go newa Lephata la Bosetshaba la Ramatlotlo gammogo le Mokhuduthamaba dipegelo gangwe le gape go netefatsa gore go tlamelwa badirisi botlhe ka ditirelo tse di lekaneng.
Kantoro ya Boto ya Dithendara ya Porofense e tlamela Bagwebipotlana le Ba ba neng ba tlhokile ditshono mo nakong e e fetileng ka katiso mme e gokagana ka tlhamalalo le ditokololo tsa mekgatlho ya kgwebo go utlwa megopolo ya bona malebana le ditaelo tsa pholesi tse di maleba.
H. DITSELA TSA TSHIAMISO, THULAGANYO YA BOIKUELO GAMMOGO LE DIKOPO TSA KGOTLATSHEKELO
Fa Motlhankedi wa Tshedimosetso a ka gana go rebola tetla ya phitlhelelo ya rekoto nngwe fela e e tshotsweng ke Mmuso, kgotsa Setheo sa Setshaba, motho yo o dirang kopo ya tshedimosetso o na le tshwanelo ya go dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso eo. Karolo e nngwe ya seno ke ya gore, fa go ka rebolwa tetla ya phitlhelelo ya rekoto e e amang motho mongwe wa boraro, motho yoo wa boraro o na le tshwanelo ya go ikuela kgatlhanong le tshwetso eo. Boikuelo joo bo tla sekwasekwa ke Bothati jo bo maleba. Bothati jo bo Maleba bo tla sekaseka kopo le rekoto go ya ka dithebolo tsa Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000.
Fa go ka fitlhelwa gore kopo eo e ganetswe go ne go sa tshwanela, Bothati jo bo Maleba bo tla busetsa morago tshwetso ya ntlha ya Motlhankedi wa Tshedimosetso mme bo rebole tetla ya go fitlhelela rekoto. Jaanong mokopi o tla itsesewe ka tshwetso eo gammogo le dituelo tse di maleba tse di tshwanetseng go duelelwa go tlhagisiwa gape ga rekoto eo gongwe karolo ya yona.
Mo go fitlhelwang gore Bothati jo bo Maleba bo tshegetsa tshwetso ya Motlhankedi wa Tshedimosetso ya go gana ka tetla ya phitlhelelo ya rekoto, mokopi o tla itsesewe ka tshwetso eo. Mokopi o tla itsesewe gape ka dikgato tse dingwe tsa tshiamiso.
Fa go setse go dirisitswe dikgato tsotlhe tsa tshiamiso tsa ka fa gare jaaka di supilwe ke Setheo sa Setshaba, mokopi o na le tshwanelo ya go ikuela kwa kgotlatshekelo.
Tsela ya go dira boikuelo jwa ka fa gare le boikuelo kwa kgotlatshekelo jaaka di rebotswe ke Molao, di a latela: Boikuelo jwa ka fa gare-
Bo tshwanetse go tsenngwa mo foromong e e rebotsweng (jaaka go totobaditswe ke Setheo sa Setšhaba) mo sebakeng sa malatsi a le 60 le malatsi a le 30 fa e le boikuelo jwa motho wa boraro.
Bo tshwanetse go isiwa gongwe go fetisediwa go Motlhankedi wa Tshedimosetso wa setheo sa setšhaba se se amegang kwa dintlheng tsa gagwe tsa kgolagano.
Bo tshwanetse go supa setlhogo sa kgang ya boikuelo jwa ka fa gare.
Bo tshwanetse go supa mabaka a boikuelo jwa ka fa gare.
Bo ka akaretsa tshedimosetso e nngwe le e nngwe e e maleba e motho yo o dirang boikuelo a nang le yona.
Fa motho yo o ikuelang a batla gore mo godimo ga karabo e e kwadilweng, a ka arabiwa ka mokgwa mongwe gape, o tshwanetse go tlhalosa gore o eletsa go itsesewe jang ka seno gammogo le go tlamela ka dintlha tse di maleba gore a tle a itsesewe ka mokgwa oo.
Fa go ka nna le tuelo ya boikuelo, e tshwanetse go tla le boikuelo jo bo kwadilweng fa bo ya go Motlhankedi wa Tshedimosetso. Tuelo e e rebotsweng ya boikuelo, fa e le gona, e tshwanetse go duelwa. Fa go ka seke ga duelwa tuelo ya boikuelo, tshwetso ya boikuelo joo e ka emisiwa go fitlhelela ka nako e go tla bong go duetswe.
Boikuelo jo bo kwadilweng bo tshwanetse go tlhalosa aterese ya poso gongwe nomoro ya fekese.
Fa boikuelo bo tsenngwa morago ga paka e e beilweng, e leng ya malatsi a le 60/ 30, Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse gore morago ga go amogela mabaka a a utlwalang, bo letle gore go tsenngwe boikuelo jo bo thari jwa ka fa gare. Fa bothati jo bo maleba bo sa letle gore go tsenngwe boikuelo jo bo thari jwa ka fa gare, bo tshwanetse go itsese motho yo o tsentseng boikuelo jwa ka fa gare ka tshwetso eo.
Motlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse gore mo sebakeng sa malatsi a le 10 a tiro morago ga go amogela boikuelo jwa ka fa gare, bo neye bothati jo bo maleba tse di latelang:
Boikuelo jwa ka fa gare jo bo kwadilweng;
Mabaka a tshwetso e e amegang;
Gore a boikuelo jwa ka fa gare bo kgatlhanong le kganelo gongwe thebolo ya phitlhelelo; le
Dintlha tsa kgokagano tsa motho mongwe le mongwe wa boraro yo o tshwanetseng go itsesewe.
Fa Bothati jo bo Maleba bo sa ntse bo lebeletse boikuelo jwa ka fa gare kgatlhanong le kganelo ya kopo ya phitlhelo ya rekoto e e amang motho wa boraro, Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse go itsese motho yoo wa boraro ka ga boikuelo jwa ka fa gare, ntle le fa dikgato tsa go batla motho wa boraro di iteile se folletse. Mo mabakeng a mo go ona motho wa boraro a itsisetsweng, motho wa boraro o tshwanetse go letlelelwa go dira tlhagiso e e kwadilweng gongwe ya molomo.
Fa go dirwa tshwetso malebana le boikuelo jwa ka fa gare, Bothati jo bo Maleba bo lebelela tse di latelang:
Dintlha tse di tlhagisitsweng mo boikuelong jo bo kwadilweng;
Mabaka a a tlhagisitsweng ke Motlhankedi wa Tshedimosetso a tshwetso ya ntlha
Ditlhagiso tsotlhe tse di dirilweng;
Fa motho wa boraro a sa bonagala, ntlha ya gore motho wa boraro ga a nna le tshono ya go dira tlhagiso le gore goreng boikuelo jwa ka fa gare bo tshwanetse go tshololwa.
Bothati jo bo Maleba bo ka tlhomamisa tshwetso ya ntlha gongwe a ka ntsha tshwetso e ntshwa. Tshwetso ya boikuelo jwa ka fa gare e tshwanetse go dirwa mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga go amogela boikuelo jwa ka fa gare. Morago fela ga gore go tsewe tshwetso, Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse go itsese motho yo o dirileng boikuelo ka tshwetso, motho mongwe le mongwe wa boraro gammogo le mokopi, mme bo leke ka moo go ka kgonegang ka gona gore go itsesewe motho yo o dirileng boikuelo ka sebopego se a se kopileng. Kitsiso ya tshwetso e tshwanetse go nna le tse di latelang:
Tlhagisa mabaka a a lekaneng a tshwetso;
Tlhagisa ditlamelo tsa Molao tse go ikaegilweng ka tsona;
Se dire le fa e le thupetso go rekoto;
Tlhagisa dithulaganyo tse dingwe tsa boikuelo jwa ka fa gare tse di ka dirisiwang ke mokopi; kgotsa
Tlhagisa gore maphata a a amegang, e leng, motho yo o dirang boikuelo, motho wa boraro jalo le jalo, ba ka tsenya kopo ya kgotlatshekelo kgatlhanong le tshwetso ya boikuelo jwa ka fa gare mo sebakeng sa malatsi a le 60 kgotsa 30 (motho wa boraro).
Fa go setse go diragaditswe dithulaganyo tsotlhe tsa boikuelo jwa ka fa gare, mokopi o na le tshwanelo ya go fitlhelela kgotlatshekelo go ikuela go ya pele.
MAMETLELELO B
FOROMO A
KOPO YA PHITLHELELO YA REKOTO YA SETHEO SA SETSHABA
Karolo 18 ya Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, 2000 (Molao wa bo2 wa 2000)
Molawana 6
GA TIRISO YA LEFAPHA
Nomoro ya tshupetso: ...
Kopo e amogetswe ke ...
Tlhalosa maemo, leina le sefane motlhankedi wa tshedimosetso/ mothusamotlhankedi wa tshedimosetso ka ...letlha kwa ...lefelo.
Tuelo ya kopo (fa ele gona): R ...
Depositi (fa e le gona): R ...
Tuelo ya phitlhelelo: R ...
MOSAENO WA MOTLHANKEDI WA TSHEDIMOSETSO/ MOTHUSAMOTLHANKEDI WA TSHEDIMOSETSO
A. Dintlha ka ga setheo sa setšhaba
B. Dintlha tsa motho yo o dirang kopo ya go fitlhelela direkoto a Dintlha tsa motho yo o dirang kopo ya phitlhelelo ya rekoto dit shwanetse go kwalwa fa tlase..
b Tlhagisa aterese le/kgotsa nomoro ya fekese mo Repaboliking koo tshedimosetso e tshwanetseng go romelwa gona.
c Go tsenngwe bopaki jwa seemo se kopo e dirwang ka sona, fa go le maleba.
Maina ka botlalo le sefane: ...
Nomoroitshupo: ...
Aterese ya Poso: ...
Nomoro ya Fekese: ...
Nomoro ya mogala: ... Aterese ya Poso ya E: ...
Seemo se kopo e dirwang ka sona, fa e le gore kopo e dirwa mo boemong jwa motho yo mongwe:
C. Dintlha tsa motho yo go dirwang kopo mo boemong jwa gagwe
Karolo eno e tshwanetse go tladiwa fa FELA kopo ya tshedimosetso e dirwa mo boemong jwa motho yo mongwe.
Maina ka botlalo le sefane: ...
Nomoro itshupo: ...
D. Dintlha ka ga rekoto a Tlamela dintlha ka botlalo tebang le rekoto e go kopiwang phitlhelelo ya yona, go akarediwa le nomoro ya tshupetso fa o e itse, go kgontsha gore rekoto e kgone go bonwa.
b Fa sebaka se se tlametsweng se sa lekana o kopiwa tsweetswee go tswelela mo tsebeng e nngwe mme o e kopanye le foromo eno. Mokopi o tshwanetse go saena ditsebe tsotlhe tsa tlaleletso.
Tlhaloso ya rekoto gongwe karolo e e maleba ya rekoto:
Nomoro ya tshupetso, fa e le gona: ...
Dintlha dingwe tsa tlaleletso ka ga rekoto: ...
E. Dituelo a Kopo ya phitlhelelo ya rekoto, ntle le ya rekoto e e nang le tshedimosetso ya sebele ka ga gago, e tla tswelediwa fela morago ga gore tuelo ya kopo e duelwe.
b O tla itsesewe ka tlhotlhwa e e tshwanetseng go duelwa jaaka tuelo ya kopo.
c Tuelo e e duelelwang phitlhelelo ya rekoto e laolwa ke sebopego se phitlhelelo e batliwang ka sona gammogo le nako e e utlwalang e e tlhokegang go batla le go siamisa rekoto.
d Fa o na le tetlo ya go gololwa mo tuelong ya tuelo nngwe fela, tsweetswee tlhalosa mabaka a seo.
Mabaka a go gololwa mo go dueleng dituelo: ...
F. Sebopego sa phitlhelelo ya rekoto
Fa o thibelwa ke go sa itekanelang sentle mo mmeleng go buisa, go bogela gongwe go reetsa rekoto ka sebopego sa phitlhelelo se go tlametsweng ka sona mo 1 le 4 fa tlase fano, tlhalosa bogole jo bo mo mmeleng ga gago mme o tlhalose gore o kopa rekoto ka sebopego sefe.
Bogole: ...
Sebopego se rekoto e kopiwang ka sona:
Tshwaya bokoso e e maleba ka "X".
DINTLHA:
a Tlhagiso ya gago tebang le sebopego se se kopiwang sa phitlhelelo e laolwa ke sebopego se rekoto e leng mo go sona.
b Phitlhelelo mo sebopegong se e kopilweng ka sona e ka ilediwa mo mabakeng mangwe. Mo mabakeng ao, o tla itsesewe fa e le gore phitlhelelo e ka rebolwa ka sebopego se sengwe.
c Tuelo e e duelelwang phitlhelelo ya rekoto, fa e le gona, e tla laolwa ka bontlhabongwe ke sebopego se phitlhelelo e kopiwang ka sona
Fa rekoto e le mo sebopegong se se kwadilweng gongwe se se gatisitsweng -
Khopi ya rekoto*
Tlhatlhobo ya rekoto
Fa rekoto e na le ditshwantsho tse di bogelwang - (tsona di akaretsa ditshwantsho, diselaete, ditshwantsho tsa video, ditshwantsho tse di dirilweng ka khomphiutara, dithadiso, jalo le jalo.)
Go bogela ditshwantsho
Khopi ya ditshwantsho*
Kgatiso ya ditshwantsho*
Fa rekoto e na le mafoko a a gatisitsweng kgotsa tshedimosetso e e ka tlhagisiwang gape ka medumo -
Go reetsa pina (kasete e e reediwang)
Kgatiso ya pina*
lekwalo le le kwadilweng gongwe le gatisitswe
Fa rekoto e tshotswe mo khomphiutareng gongwe e le mo sebopegong sa eleketoroniki gongwe se se buisegang ka motshini -
Khopi e e gatisitsweng ya rekoto*
Khopi e e gatisitsweng ya tshedimosetso e e tswang mo rekotong*
Khopi e e mo khomphiutareng ya ebopego se se buisegang*( disiki e e thata gongwe e e kitlaneng)
Fa o kopile khopi kgotsa kgatiso ya rekoto (fa godimo), a o eletsa gore khopi gongwe kgatiso e romelwe ka poso kwa go wena?
Go na le tuelo ya go posa.
EE
NNYAYA
Ela tlhoko gore fa rekoto e seo ka puo e o e tlhopileng, o ka newa phitlhelelo ka puo e rekoto e leng mo go yona.
O ka eletsa gore rekoto e nne mo puong efe? ...
G. Kitsiso ya tshwetso tebang le kopo ya phitlhelelo
O tla itsesewe ka lekwalo gore a kopo ya gago e rebotswe/ ganetswe. Fa o eletsa gore o itsesewe ka mokgwa mongwe fela, tsweetswee tlhalosa mokgwa oo mme o tlamele ka dintlha tse di botlhokwa go kgontsha gore go ikobelwe kopo ya gago.
O ka eletsa go itsesewe jang ka ga tshwetso tebang le kopo ya gago ya go fitlheloela rekoto? ...
E saenilwe kwa ...ka letsatsi la...la ...20...
MOSAENO WA MOKOPI/ MOTHO
YO GO DIRWANG KOPO MO
BOEMONG JA GAGWE
POPEGOTHEO E E TSHITSHINNGWANG YA LEFAPHA LA DITŠHELETE (LEPHATA LA MATLOTLO LA POROFENSE)
X Tlhogo ya Lefapha (Mokaedimogolo)
x Mothusamokaedi : tsamaiso (Mothusi wa sebele)
x Mokwaledi x Motlhankedimogolo wa Ditšhelete
X Mokaedi x Mokwaledi
X Motlatsamokaedi x Motlhankedi wa Tsamaiso ya Ditšhelete x Motlanyi x Motlatsamokaedi x Batlhankedi ba tsamaiso ya ditšhelete
X Batlhankedi ba Tsamaiso ya Ditšhelete x Motlatsa Mokaedi x Motlhankedimogolo wa Tsamaiso ya Ditšhelete (P/L 10) 1x Motlhankedimogolo wa Tsamaiso ya Ditšhelete (P/L 10)
x Motlhankedimogolwane wa Tsamaiso ya Ditšhelete (P/L 8-9) 1x Motlhankedimogolwane wa Tsamaiso ya Ditšhelete (P/L 8-9)
x Bathusabatlhankedi ba Tsamaiso ya Ditšhelete (P/L 6-7) 2x Bathusabatlhankedi ba Tsamaiso ya Ditšhelete (P/L 6-7)
x Motlatsa Mokaedi x Tlelereke ya Tsamaiso x 1x Mothusamokaedi xMothusa Mokaedi 1x Batlhankedi ba tsamaiso/(bagolwane) ya theko ya dithoto x Tlelereke ya tsamaiso (kgolwane) ya theko ya dithoto x Mothusamokaedi x Batlhankedi ba tsamaiso / (bagolwane) ya theko ya dithoto x Tlelereke ya tsamaiso (kgolwane) ya theko ya dithoto x Batlhankedi ba tsamaiso / (bagolwane) ya theko ya dithoto 2x Batlhankedi ba tsamaiso / (bagolwane) ya theko ya dithoto x Tlelereke ya tsamaiso (kgolwane) ya theko ya dithoto 1x Tlelereke ya tsamaiso (kgolwane) ya theko ya dithoto x Mokaedi x Mokwaledi x Motlatsamokaedi x Motltsa Mokaedi 1x Motltsa Mokaedi x Ramatlotlo wa mmuso/Mogolwane 2x Ramatlotlo wa mmuso/Mogolwane x Ditlelerekekgolo ya Palotlotlo 2xDitlelerekekgolo ya Palotlotlo x Ditlelereke ya Palotlotlo 2xDitlelereke ya Palotlotlo x Motlatsa Matlotlo 1x Motlatsa Matlotlo 1x Motlatsa Mokaedi x Ramatlotlo wa muso/Mogolwane 1x Ramatlotlo wa mmuso 1xMmalatlotlo wa Mmuso xDitlelerekekgolo ya Palotlotlo 2x Ditlelerekekgolo ya Palotlotlo 2x Ditlelerekekgolo tsa xDitlelereke ya Palotlotlo 5xDitlelereke ya Palotlotlo palotlotlo x Ditlelereke tsa x x x Motlatsa Mokaedi x Mothusa Mokaedi 1x Mothusa Mokaedi x Mmalatlotlo wa Mmuso/Mogolwane x Mmalatlotlo wa mmuso/Mogolwane 1x Mmalatlotlo wa Mmuso/Mogolwane 1x Mmalatlotlo wa Mmuso/Mogolwane 1x Tlelerekekgolo ya Palotlotlo x Tlelerekekgolo ya Palotlotlo 1x Tlelerekekgolo ya Palotlotlo 1x Tlelerekekgolo ya Palotlotlo 4x Ditlelereke tsa Palotlotlo x ditlelereke tsa Palotlotlo 2x Ditlelereke tsa Palotlotlo 4 x Ditlelereke tsa Palotlotlo 2x Ditlelereke tsa Bokwadisetso
X Motlatsa Mokaedi x Babalatlotlo ba Mmuso/Bagolwane x Tlelerekekgolo ya Palotlotlo
X Mothusamokaedi
X Mmalatlotlo wa Mmuso/Mogolwane
X Tlelerekekgolo ya Palotlotlo
X Tlelereke ya Palotlotlo/Kgolwane
X Motlanyimogolo wa tshedimosetso
X Motlanyi wa tshedimosetso x Motlatsa Mokaedi x Tlelereke ya Tsamaiso
X Motlhankedi wa Tsamaiso ya Ditšhelete (P/L 10)
X Batlhankedi ba Tsamaiso ya Ditšhelete (P/L 6-9)
X Motlhankedi wa Tsamaiso /Mogolwane
X Tlelereke ya Tsamasio x Motlatsa Mokaedi x Mothusamokaedi x Motlhankedimogolwane wa badiri 2 x Batlhankedibagolwane/bagolo ba katiso 1 x Motlhankedi/mogolwane wa Tsamaiso x Batlhankedi ba badiri 1 x Tlelereke ya Tsamaiso 1 x Motlhankedimogolo wa Tsamaiso x Tlelereke ya bokwadisetso 1 x Tlelereke ya Tsamaiso x Ditlelereke tsa Bokwadisetso x Modirisi wa Telecom x Barongwa x Bathusikakaretso x Motlhankedimogolo wa ditšhelete x Makwaledi x Moltatsa Mokaedi x Motlatsa Mokaedi x Mothusa Mokaedi x Babalatlotlo ba Mmuso/bagolwane
XMotlatsamokaedi 1X Motlhankedi wa Tsamaiso wa Theko ya Dithoto 1X Motlhankedi wa Tsamaiso wa Theko ya Dithoto
XMmalatlotlo wa Mmuso/ 1X Motlhankedimogolo wa Tsamaiso wa Theko ya Dithoto 1x Motlhankedimogolo wa Tsamaiso wa Theko ya
Mogolwane 3X Ditlelereke tsa Tsamaiso tsa Theko ya dithtoto dithoto
X Tlelerekekgolo ya Palotlotlo
X Ditlelereke tsa Palotlotlo
